Breaking News

Malema o inaakantse le go nosetsa ditshipi go ipelega ka a na le lorato mo go yone

23 Jul 2017

Go tswa goo-Lowe Batswana ba itsege e le batho ba ba ipelegang ka go itirela ka diatla tsa bone. 

Seo se netefaditswe ke Rre Boitshoko Malema wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano wa Serowe yo o inaakantseng le go nosetsa ditshipi.

Fa a bua le BOPA bosheng, Rre Malema o tlhalositse fa a tlhotlhelediwa ke lorato lo a nang le lone mo tshiping go dira tiro e. 

Rre Malema o sale a inaakantse le go nosetsa ditshipi ka 2011.

A re o ne a reka metshine e e nosetsang a ithuta ka yone mme gape a feta a kopa dithuso mo go ba ba itseng gore ba mo tlhatlhelele le go feta gore a itse go menaganye ka go nosetsa.

Mogwebi yo, o tlhalositse gore madi a a a bonang mo kgwebong a a mo kgotsofatsa ka gore maungo a a a a bonang o kgonne go tlhabolola metse ya gagwe e mebedi ka o ne, gape bana ba gagwe ga ba lale ka tlala gape o kgona go ba tsenya le dikole, e bile a supa gore ka kgwebo e o setse a na le leruo le barotloetsi ba gagwe ba mo duelang ka lone.

O boletse fa Batswana bangwe ba sa duele, fa bangwe ba batla go reka ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase, ba di ipeela bogolo jang mo gae.

Rre Malema o tlhalositse gore go le gantsi fa ba bangwe ba sena madi ba mo duela ka go mo fa dilo di tshwana leruo a re se se diragala thata kwa dikgaolong, a supa fa a itumelela seo ka se mo thusitse gore le ene a nne le leruo.

Kgwetlho e nngwe ke ya lefelo, a re ba molao ba re o direla fa go sa tshwanelang teng, ka a direla mo lwapeng ba lebile gore o dirisa motlakase le ditshipi ba re tiro e, e tlhoka lefelo le le faphegileng.

Mogwebi yo, a re barotloetsi ba gagwe ba batla a ba rekela didirisiwa, selo se a reng se dira gore a dirise madi a mantsi, kwa phelelong ba palelwe ke go mo duela mme se se dire gore a bone tatlhegelo e ntsi.

O rotloeditse botlhe ba dikgwebo gore ba tshwanetse go nna pelotelele a re tuelo ka leruo e na le tema go na le go neelwa madi ka letsogo ka gore fa o tsere leruo o kgona go rua le bo le ntsifala.

Rre Malema o rotloeditse bagwebi ka ene go dirisa lefatshe le ba nang le lone ka kelotlhoko, morago ke gone ba batle mafelo a a siameng go ka tsweledisa dikgwebo tsa bone ka phuthologo.

A re mogwebi o tshwanetse go dira se pelo e se ratang, a re ka jalo ba ka fitlhelela ditoro tsa bone go sa kgathalesege gore a ba na le madi kana jang.

Mogwebi yo, a re keletso ke go sa gotlhagotlhana le goromente bogolo jang ka ba ise ba nne le dipampiri tsa dikgwebo, a re ba tlhoka thotloetso go dira se se maleba. 

“Fa goromente a re o tsweledisa madirelo a rona re ya go itshetsa ka eng tota fa e se gone go bitsa lehuma fela.” BOPA

Source : BOPA

Author : Lesedi Kgosikhumo

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 23 Jul 2017