Breaking News

A re thusaneng go bopa banana - Kebailele

23 Jul 2017

Kgosi Polokakgolo Kebailele o kopile  maloko a kereke ya Sabata a bokone go ba thusa go aga banana ba ba sa ba robatseng ka melato e e farologaneng kwa Serowe. 

Kgosi o ne a bua jaana fa a bula semmuso bokopano jwa beke jo bo tshwaretsweng kwa Serowe bosheng. 

Bokopano jo bo fedile maabane.

A re ke nako gore kereke e eme ka dinao go rapelela banana, le gone go tla kwa kgotleng go tla go kopana le bone, a re ka gongwe banana ba ka ba tlhalosetsa mathata a bone botoka.

 Kgosi Kebailele a re ba tshwaragane le bothata ka ditsheko tsa malatsi otlhe, tse di bakwang ke banana jaaka tsa bogodu, ditlhapa le go lwa. 

A re se se utlwisang botlhoko ke gore badiramelato ba ka bontsi e leng bana ba bannye ba a ama, fa katlholo e setse e tswa. 

“Nako ya go ipobola o tlaa utlwa monana a re o na le bana ba bannye, mme o bona gore ke yo le borokgwe a ka sekeng a bo ithekela. 

Tota dikgang tsa bone o tlaa fitlhela di ama, ke ka moo ke dumelang gore fa lo ka tsenya letsogo seemo se gongwe se ka tokafala.” A re ntswa kotlhao e le thupa mo gongwe molao wa re a atlholwe. 

A re ba tshwere bothata kwa kgotleng ya GaMmangwato, mo ba sa tlholeng ba itse gore gatwe ba dire jang. 

Kgosi a re o na le pelaelo ya gore fa gongwe banana ba, ba tla ba akanya gore ba setlhogo. 

“Ntswa re le badiredi, re badumedi mme fa gongwe o fitlhela re bua dipuo tse e seng tsone e le fa go gatang banana.” 

Kgosi Kebailele a re o na le tshepho mo kerekeng e, ka e tswa kgakala, e bile e ise e ko e nne mo dikgogakgoganong kana dipuo tsa go dira sepe kgatlhanong le molao-motheo wa lefatshe leno. 

A re ga a bue se go kgala bape ka a dumela fa dikereke tsotlhe e le tsa Modimo, ntswa di ka tswa di farologana ka tsamaiso kana tirelo. 

Fa a afa maikaelelo a bokopano joo, Moruti Tswelelo Lekolwane o ne a re bokopano jo, jo bo okileng Masabata otlhe a bokone, bo ba fa sebaka sa go shafatsa tumelo ya bone, le gone go amogana mananeo a masha. 

Moruti Lekolwane a re ba nna le bokopano jo ngwaga le ngwaga kwa mafelong a a farologaneng. 

A re kereke ya bone e simologile kwa Kanye ka 1921 mme ba bone kgolo e e seng kana ka sepe mo dingwageng tse di fetileng.

 Moruti a re tiro ya bone ga se tumelo fela a re e na le ditiro jaaka ba tlhokomela batlhoki, masiela, ba kgothatsa ka tsa manyalo le go emela diemo tse di farologaneng.  

Moruti Lekolwane a re kereke ya Sabata e tsentse letsogo mo mhameng wa thuto, ka ba lemogile gore thuto e e senang Modimo ga e thuse bana, ka jalo ba bona seabe sa bone se tlhokafala. 

O ne a kopa Kgosi Kebailele gore ba ba eme nokeng, bogolo jang fa ba tlhoka lefatshe go dira tiro ya mofuta o, go netefatsa gore ba tswa mo dikagong  a kereke go thusa setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lucretia Chima

Location : SEROWE

Event : Bokopano jwa Kereke ya Sabata

Date : 23 Jul 2017