Banana ba Hatsalatladi ba itshwara sentle
11 Jul 2017
Le fa banana ba tlwaelesegile ka maitsholo a e seng one mo metseng ka bontsi, sebe sa phiri e le tiriso ya bojalwa phetelela, go dirisa ditagi gammogo le borukutlhi, bangwe ba bone ba ka nowa moro.
Kgosi Ponatshego Gabanamotse wa Hatsalatladi mo Kweneng o akgoletse banana ba motse oo go itshwara sentle ka ba sa amege mo ditirong tsa borukutlhi tse di tshabelelang banana.
Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Gabanamotse a re motse wa gagwe o santse o rena kagiso ka a dumela mo go kgwathiseng ba ba sa itshwareng sentle, segolo jang banana.
A re o lemogile gore banana ba tshaba thupa thata gona le dikatlholo tse dingwe.
Kgosi o boletse gore fa e sa le ngwaga o simologa go fitlha mo nakong eno, o kgwathisitse monana a le mongwefela.
A re seo ke sesupo sa gore banana ba motse ba itshwere sentle ka le kwa maitisong go sena dintwa.
Le fa go ntse jalo, a re mo dingwageng tse di fetileng, bogodu jwa leruo, segolo jang dipodi bo ne bo tshwenya, mme jwa fokodiwa ke go tswa letsholo ga mapodisi.
A re batho ba ne ba utswa leruo mo Hatsalatladi mme ba le rekise kwa merakeng e e gaufi.
O rotloeditse banni ba motse go tswelela ba itshwara sentle jaaka dinako tsotlhe gammogo le go tswelela ba lwantsha borukutlhi go tsisa kagiso le thokgamo.
A re batsadi ga ba a tshwanela go felela bana pelo mme ba tshwanetse ba itse gore bana ba tlhokana le go kgalemelwa mme fa ba palelwa ba ka kopa thuso mo go ba ba maleba.
Fa a akgela ka tse dingwe, Kgosi Gabanamotse a re o itumeletse mananeo a nyeletso lehuma a a filweng banni.
A re banni ba le bantsi ba filwe lenaneo la thuo ya dipodi, ka jalo a re o solofetse gore mananeo ao a tlaa ba ntsha mo lehumeng le go fokotsa letlhoko la ditiro.
A re seabe se puso e nang le sone mo temong le sone se segolo thata, ka a re banni ba Hatsalatladi ba ne ba bona thobo e e nametsang mo masimo, ka balemi ba bone dipoelo tse di ba solegetseng molemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : HATSALATLADI
Event : Potsolotso
Date : 11 Jul 2017






