Breaking News

Lenaneo la nyeletso lehuma le solegela Bulawayo molemo

12 Jul 2017

Ntswa bangwe ba nyatsa lenaneo la nyeletso lehuma, Rre Khumo Bulawayo kwa Serowe ke mongwe wa ba ba atlegileng thata ka thuo ya dikoko tsa Setswana.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Bulawayo o boletse gore keletso ya gagwe e ne e le go rua dipodi, mme ka maswabi o ne a sena kwa a ka di nosang teng.

Ka a ne a itse lorato lwa gagwe mo thuong, a gwetlhega go tsaya dikoko gore a kgone go bona ditoro tsa gagwe.

 O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ka 2012 ka dikoko tsa Setswana di le masome mabedi le botlhano, tse di namagadi di le masome mabedi le bongwe le tse ditonanyana di le nne. 

O ne a agelwa le hoko.

Rre Bulawayo o tlhalositse fa kgwebo e ya go rua dikoko e tsisitse diphetogo mo botshelong jwa gagwe le fa a na le dikgwetlho di tshwana le bolwetse jwa mokorobela. 

A re dikoko di le dintsi di ne tsa bolawa ke mokorobelo mme ga a ka a ipona tsapa, ka a ne a ya kwa di ofising tsa ba twantsho malwetsi a loruo go ba itsise ka seemo se, mme ba mo araba ka gore ba tla a bona gore o ka thusiwa jang mme le ka jaana a ise a bone thuso.

A re nngwe ya dikgwetlho ke dipula, ka jarata ya bone e tlala metsi, mme seo se felele se bolaya dikoko ka dipalo tse dintsi. 

A re ngwaga le ngwaga dikoko tsa gagwe di a swa, mme o ne a begela ba khansele ka seemo seo mme ga gona nko epe e tswang lemina.

Rre Bulawayo a re mo gongwe ke gore fa a di buletse gore di iphukise phefo baagisanyi ba a ngongorega ba re di a ba senyetsa, se se dire gore a di tswalele mo hokong go fokotsa dikgotlhang.

Le fa go ntse jalo, o boletse fa dipoelo e le tse di sa kgotsofatseng ka gore dikoko tsa gagwe di rekwa ka nako tse dingwe, mme fela o kgona go rekela dikoko tsa gagwe molemo le ene a ithuse ka tse a ditlhokang.

O tlhalosa gore fa ene e se ka dipula le mokorobela, o ka bo a bona madi a kgotsofatsang.

Morui yo, o rotloetsa banana le botlhe ba ba tsereng mananeo a nyeletso lehuma go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone, a re le fa kgwebo e sa dire sentle ba tshwanetse go itsetsepela mme ba nne le tsholofelo ka dinako tsotlhe.

Rre Bulawayo o gwetlhile banana gore ba santse ba na le nako, a ba kgothatsa go tsaya mananeo a puso ka tlhoafalo ba inaakanye le one segolo bogolo one a temo-thuo, ka gore ditiro ga di bonale mo malatsing a gompieno.

“Keletso ke gore ba mananeo ba tswelele ka go thusa ba ba itekang, a tlatsa ka go re fa bolwetse bo go tshwenya ba tle go bona gore ba ka thusa jang.”

O bile a lebogela puso gore e mo thusitse le ntswa go na le dikgwetlho. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Lesedi Kgosikhumo

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 12 Jul 2017