Bakopa gore mogokgo a belesediwe
22 May 2017
Makhanselara a kgaolo-potlana ya Letlhakeng ba dumalane tshutiso ya gore mogokgo wa sekole se segolwane sa Mphuthe a fudusiwe kwa sekoleng seo.
Tshutiso e e ntshitswe ke mokhanselara wa Ditshegwane/ Maboane, Rre Tsabahule Kgotlhang, fa a akgela mo mafokong a ba a beilweng pele ke modulasetilo wa khansele- potlana ya Letlhakeng, Rre Tlotlo Batlhophi ka Mosupologo.
Makhanselara ba supile fa go na le tlhokakutlwisisano fa gare ga mogokgo le barutabana, selo se ba bolelang fa se tlaa ama maduo a bana.
Mokhanselara wa Letlhakeng borwa, Rre Opaletswe Mogolwane, o ne a supa fa go na le kgotlhang fa gare ga mogokgo, barutabana le bana, a supa fa kgang e e kile ya bilediwa molaodi wa Kweneng, Dr Themba Mmusi mme go sena phetogo epe.
O supile fa batsadi ba tshosetsa barutabana, selo se a supileng fa se dira gore ba seka ba nna ka phuthologo.
O supile fa go ntshitswe barutabana ba roba bongwe kwa sekoleng seo, mme ba ise ba emisediwe ka ba bangwe.
Mokhanselara wa Ngware, Rre Ontatlhile Selatlho, o ne a supa fa matlo a barutabana kwa Diphuduhudu a phephetha, selo se a supang fa se dira gore ba sulafalelwe ke go berekela kwa kgaolong ya bone.
Mokhanselara wa Motokwe, Mme Beauty Bogale, o ne a supa fa go sena mogokgo le mothusi wa gagwe kwa sekoleng sa Tshwaane, a supa gape fa go na le tlhaelo ya barutabana kwa sekoleng seo.
O supile fa tota mo kgaolong ya gagwe dikole tsotlhe di na le tlhaelo ya barutabana, a supa fa setlha sa ntlha se fetile go ntse fela jalo.
O ne a ntsha mogopolo wa gore fa go na le phatlha kwa dikoleng tseo, go tlhatlosiwe maemo ba ba supileng kgatlhego ya go berekela teng, go na le gore go ye go batlwa batho ba sele ba ba neng ba ntse ba sena kgatlhego ya go berekela kwa kgaolong eo.
Mokhanselara wa Salajwe, Rre Lopang Sebutlenyane, o ne a kopa tlhaloso ya gore matlwana a borutelo le ntlo ya maranyane a ba neng ba a solofeditswe gore a tlaa dirwa ka lenaneo la ESP kwa sekoleng sa Lempu a bokgakala bokae.
Fa a ba kgwa dikgaba, mogolwane wa lephata la thuto, Rre Magwaile Khao o ne a supa fa sekole sa Lempu se sa akarediwa mo lenaneong la ESP monongwaga, mme a supa fa gape ba na le matshwenyego a gore bana ba sekole sa Lempu ba senya dikago, a supa fa ba kgona go ntsha mabati le difensetere, a bo a kopa baeteledipele gore ba thusane go kgalemela bana.
O supile fa ba ne ba kgona go dira thuto-puisanyo kwa sekoleng sa Mphuthe go leka go sidila barutabana maikutlo le go ba ruta botlhokwa jwa go dira mmogo.
Rre Khao o supile gape fa ba tsere tshwetso ya gore fa ba fudusa morutabana kwa sekoleng, ba mo emise pele go fitlhela ba netefatsa gore yo o mo emelang o tlaa goroga.
O supile fa ba lemogile gape fa ba fudusa barutabana ka bontsi ka nako e le nngwefela, selo se se felelang se dira gore go nne le diphatlha di le di ntsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya khansele
Date : 22 May 2017






