Breaking News

Ba Monarch ba lebogela Ipelegeng

04 May 2017

Modulasetilo wa komiti kgolo ya ditlhabololo tsa dikgaolwana tsa Monarch, Rre Eric Mabengane a re koketso ya dituelo tsa kgwedi le kgwedi tsa lenaneo la Ipelegeng ke selo se ba se amogela ka tsoo pedi.

Rre Mabengane o buile jalo mo potsolotsong, a supa fa koketso e e tlaa tsholetsa boleng jwa lenaneo le jaaka mongwe motswedi o o dirang pharologanyo tebang le go fokotsa letlhoko la ditiro.

O bile a tlhalosa fa koketso e ya dituelo e tlaa dira gore bontsi bo kgatlhegele lenaneo gape e tiise le bone badiri ba lone moko.

Rre Mabengane a re ntswa bangwe ba galala dituelo tse ka mabaka a a farologaneng, se se itumedisang ke gore ba ba tlhaga mo go lone ba na le sengwe se ba ikaegileng ka sone go na le go leta go fepiwa.

A re malapa a le mantsi a ikaegile ka lenaneo le.

Rre Mabengane a re Monarch o kgaogantswe ka dikomiti tsa ditlhabololo tsa dikgaolwana di le thataro, ka jalo ka kgwedi ba thapa batho ba feta makgolo a le matlhano mo go tsone dikgaolwana tse.

O bile a supa fa badiri ba lenaneo le ba setse ba simolotse go akola dituelo tse di sa tswang go okediwa.

Badiri ba okeleditswe go tswa mo go P540 go ya kwa go P565.

A re bagolwane bone ba okeleditswe go tswa kwa go P620 go ya kwa go P651.

Go sale foo, Mme Bolokang Oarabile ke mongwe wa ba ba sa iponeng tsapa go tswelela ba ithusa ka lenaneo le,. A re e sale a simolola go direla Ipelegeng ka 2012 ka nako e dikatso e neng e le  P320.

Mme Oarabile a re le fa madi a ne a sa lekane dikeletso tsotlhe tsa gagwe ka nako e le nngwe, se se neng se mmaya pelo ke gore o na le fa a lebileng teng.

A re ntswa gape ba tsena lenaneo le ka go sutelana ka jaana kgwedi e nngwe ga ba thapiwe go neela ba bangwe sebaka sa go tsena, seo ga a se galale.

Gape a re kgwedi e a sa tsenang o inaakanya le go dira ditiro tsa nakwana a bo a tsweledise go rekisa dimonamone le tse dingwe mo gae.

Mme Oarabile a re bontlha bongwe jwa dituelo o ne a bo boloka mme mo nakong eno o setse a ikagetse ntlo ya dikamore tse pedi gape o kgona go itlhokomela mo go nametsang.

Mme a re se se botlhokwa ka madi le a ka tswa a le bonnye bo kae ke go nna le kelelelo ya go a dirisa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 04 May 2017