Breaking News

Go thobega go tlodisa monna melatswana

03 Apr 2017

Kana selo se kalafi ya setso e na le botsipa jwa yone jo bo faphegileng.

Nngwe ya dikalafi tsa go nna jalo ke go tlhaba thobega. Rre Mothoiwa Moamerika ke moitseanape wa thobega mme o lomaganya marapo a bao ba ba robegileng, le lone leruo tota.

Rre Moamerika yo o dingwaga di masome a robabobedi le bone, e bile a tlholega kwa Maun a re go thobega ke go rala fa go robegileng go kopanya marapo.

“Ke dirisa setlhare sa moselesele se se sidilweng se kopantswe le mafura a podi go sidila fa go amegileng teng, go direng jalo go fola go tlaa bo go tla fela ka bogone,” a tlhalosa.

A tswelela a tlhalosa fa setlhare sa moselesele e le setlhare sa tlholego se se bonwang mo kgaolong ya Bokone Bophirima jwa lefatshe la Botswana.

Rre Moamerika o supa fa a tshela ka go kopanya marapo a batho le a leruo, e bile gape a tsenya le bana ba gagwe sekole ka one madi a.

A re go thobega kgotsa go kopanya marapo ke ngwao ka jalo e tshwanetse go dirwa ke motho a sa tlhabiwe ke ditlhong.

O tlhalositse se mo potsolotsong le ba BOPA, a re go kopanya marapo ka Setswana ga go dirwe ke bao ba ba sa tsenang sekole fela, a re le babereki ba kopa thuso ya gagwe.

A re bangwe ba mmolelela fa go kopanya marapo ka setso go le bofefo go gaisa thobega ya sekgoa. A tswelela ka gore balwetse ba gagwe ba ratela thobega gore marapo a ikopanya ka boone go sa tsenngwa maatla ape.

Go supa kwa a tsereng teng botsipa jwa go thobega Rre Moamerika a re e ne e le ka dingwaga tsa bo 1950 fa a ne a kopana le tsala ya gagwe e e neng e le ngaka ya setso e bile a dirisa le ditlhare tsa setso go fodisa batho.

A re ke gone fa a tlaa mmona a fodisa mongwe yo o neng a robegile mme a mo kopa go mo ruta.

O tlhalosa fa a ne a rata mofuta o wa go kopanya marapo ka setso ka a ne a le molemi-morui, ka jalo a bona fa go tlaa mo thusa go thobega leruo la gagwe fa le robegile.

Morago ga go anya botsipa jo, a seka a dia sebaka a simolola ka go thobega leruo la gagwe, mme batho ba kgatlhegela diatla tsa gagwe le bone ba kopa thuso.

Se se gwetlhileng rre yo go tsena mo kalafing e a re ke ka fa e thusang batho ka teng, e bile e le bonako le go fodisa marapo.

A re batho ba setse ba mo itse mo Maun le Botswana ka bophara, ka dinako tse dingwe ba tle ba mo leletse ba le kwa Gaborone mme a ba thuse.

Le fa go ntse jalo, Rre Moamerika o supa fa go thobega go na le dikgwetlho ka a sa go ela sekoleng. A re bangwe ba a mo tsietsa ka go bona thuso mme ba ele ruri ba sa mo duela.

E re ntswa mofuta o wa go kopanya marapo o sa tsewe ka tlhwaafalo Rre Moamerika a re lefatshe le le amiwa ke dikotsi letsatsi le letsatsi ka jalo ba bongaka mo dipateleng ba ka se kgone ba le nosi go alafa bao ba ba lwalang le go tlamela ba dikotsi.

A re ka sone seemo se, e le ba bongaka jwa setso ba tshwanetse go dirisiwa go fokotsa mosuke mo dikokelong fela jaaka kwa mafatsheng a mangwe.

Go supega fa kwa mafatsheng a tshwana le Nigeria ba na le bao ba ba lebaganyeng le go kopanya marapo ka go dirisa setso kgotsa one mofuta wa thobega, mme batho ba ba dira tiro ya bone ka bokgabane e bile ba bereka le dingaka tsa sesha.

Mafilipino le bone go na le ka fa ba dirisang setso go kopanya marapo.

Go supa fa dingwao di tshwana le bone ba dirisa mafura go sidila fa go robegileng teng fela jaaka go dirwa mo Botswana, a tlhalosa jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Montle Modisawamarole

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 03 Apr 2017