Ditlhabololo di tlhotlhwa go ya ka botlhokwa
28 Mar 2017
E re ka jaana lenaneo la ditlhabololo le tla kwa bokhutlong, mme go simolola la ngwaga wa 2017/18, bogogi jwa motse-setoropo wa Ghanzi bo roletswe ditlhabololo tse di tlaa dirwang mo lenaneong la dikgaolo la ditlhabololo la boferabobedi.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la ditlhabololo, Rre Boingotlo Tirelo o buile jaana bosheng mo phuthegong e ba neng ba buisa bogogi jwa kgaolo le dikomiti tsa ditlhabololo tsa dikgaolo.
Maikaelelo a bokopano jo e ne e le go ba lekodisa fa ba tsamayang teng mo lenaneong la ditlhabololo la lefatshe le le itebagantseng le kgaolo ya bone, tse di tlaa dirwang mo dingwageng tse thataro tse di latelang go simologa monongwaga go ya go ema ka 2023.
Rre Tirelo a re ba dira se e le tsamaiso ya puso gore go loga ditogamaano tsa ditlhabololo go simolola ka therisanyo le morafe mme di boe di tsisiwe morago ga go tlhotlhwa ke khuduthamaga ya ga Tautona.
A re therisano e e akaretsa Motswana mongwe le mongwe, makgotla a a ikemetseng le makalana a puso.
A re megopolo e e tswang mo morafeng e felela e fetela kwa khuduthamageng ya ga Tautona e bapisitswe le ya dikgaolo tse dingwe.
A re fa ba dira ditogamaano tsa ditlhabololo ba sala ditsetlana dingwe morago, di akaretsa go sekaseka lenaneo la ditlhabololo le le teng ka nako eo e le go bona gore a di sa ntse di na le boleng go ka solegela Batswana molemo.
Rre Tirelo a re gape ba lebelela letlhoko la kgaolo le seemo sa kgaolo ka nako e lenaneo le dirwang ka yone ba lebeletse botlhokwa jwa tsone.
E ne ya re ba akgela mo pegong ya ditlhabololo, batsaya karolo mo phuthegong ba supa fa ba amogetse pego eo ya ditlhabololo le fa e sa akaretsa dilo dingwe tse ba neng ba di kopile.
Rre Makhwesa a re ba ne ba solofetse gore pego e e tlaa tla e akareditse kago ya lekgotla la ga mmakaseterata, lebala la metshameko le sekole se sebotlana.
A re gape ba ne ba solofetse gore ba tlaa agelwa lebala la difofane.
A re lebala la difofane la nako eno le fa gare ga motse mme se se diphatsa mo matshelong a bone ka difofane tse di kotamang mo go lone di feta gautshwane le dikago.
O supile fa ba itumelela ditlhabololo tse di tlang mo kgaolong di akaretsa kago ya diofisi tsa sepodisi le matlo a boroko a le masome mararo.
Kwa bokhutlong Kgosi Botshelo Lekgothu o kopile banni ba Ghanzi go amogela se ba se filweng ke puso, ka ba se kake ba fiwa sengwe le sengwe se ba se batlang ka gore puso e itebagantse le letlhoko la Botswana ka kakaretso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lemogang Madumane
Location : GHANZI
Event : phuthego ya bogogi jwa kgaolo le dikomiti tsa ditlhabololo tsa dikgaolo.
Date : 28 Mar 2017






