Barui ba dihutshane ba a itharabologelwa
28 Mar 2017
Barui ba dihutshane ba gakolotswe ka bomosola jwa go tlhama dikomiti kgotsa mekgatlho e ka yone ba ka kgonang go fenya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.
Mafoko a, a builwe ke mookamedi wa lekgotla la barui ba dihutshane la Small Stock Industry Federation of Botswana, Rre Leo Tumaeletse kwa ditshupong tsa dihutshane kwa morakeng wa Ranala 2 gaufi le Mahalapye ka mafelo a beke.
Ditshupo tse, di ne di rulagantswe ke mokgatlho wa Maboelela Smallstock Association.
Rre Tumaeletse a re bontsi jwa barui ga ba ise ba lemoge botlhokwa jwa go bereka mmogo mme mongwe le mongwe a batle go ikemela ka nosi. O tlhalositse fa se se sa siamela dikgwebo ga mmogo le thuo ya bone ka go nne fa ba le ditlhopha kgotsa mekgatlho ba kgona go rerisana, go rutana go fenya dikgwetlho le go nna le lentswe le le lengwe.
A re maikaelelo a mokgatlho wa bone ke go lemotsha barui bomosola jwa go bereka mmogo e le barui ba dihutshane, go rutana le go leka go tsisa khumo ka dihutshane.
A re thuo ya dihutshane ke thuo e e golang thata mo lefatsheng leno mme ka jalo ba leka go oka barui go inaakanya le mekgatlho le go fana maele a go ka e godisa go ya pele.
Rre Tumaeletse a re go nna le mekgatlho go ka thusa gape le puso go dira ditshwetso tse di ba amang le go laola dihutshane tsa bone ba le lentswe le le lengwe e bile ba itse se ba se batlang.
Mo go tse dingwe mookamedi o ne a tlhalosetsa barui gore e le mokgatlho wa dihutshane mo Botswana ba ikaelela go ka nna le matlhabelo mo lefatsheng a ka one a ka dirang gore ba nne le nama ya boleng jo ba bo batlang e bile bo eletsega.
O ne a gakolola barui go sa ipone tsapa mme bao ba iseng ba tsene mekgatlho go dira jalo ka e bile barui ba dihutshane ba le bantsi thata mo lefatsheng ka bophara, a tlatsa ka gore mo gape go ka tlhabolola le yone thuo ya bone.
Ditshupo tse di ne di ketekelwa kwa morakeng wa ga Mme Maipelo Senai ka setlhogo se se reng, ‘methale e e faphegileng go fitlhelela thuo le kgwebo ya dihutshane.’
E ne e rile go le pele Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye, a rotloetsa barui go ema ka dinao go bona gore thuo ya dihutshane e a tlhabologa e bile e tsewa tsia.
Kgosi Segotsi a re go le gantsi barui ba dihutshane ba na le go inyatsa mme ka jalo ba felele ba sa ye gope mme ba felele ba phutlhame.
O ne a tlhalosa gore puso le yone e leka ka gotlhe go rotloetsa Batswana go tsena mo thuong ya dihutshane ka go dira mananeo a nyeletso lehuma le a LIMID, ntswa sebe segolo bangwe ba sa tseye mananeo a ka tlhwaafalo.
A re bontsi jwa batho ba ba tsereng mananeo a diruiwa ba a latlhelela mme a kaya fa se se sa siama e le ruri. E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa mokgatlho wa Maboelela, Rre Edwin Choto a tlhalosa fa leina le la bone le tsile morago ga gore mokgatlho wa bone wa pele o phutlhame mme e rile ka 2011 ba boa gape ba ipopa sesha e le barui ba dihutshane.
Rre Choto a re maikaelelo a bone ke go leka go tokafatsa thuo ya dihutshane mo kgaolong ya bone ga mmogo le mo lefatsheng ka bophara.
A re gape maikaelelo a bone ke go oka barui bao ba ba seyong mo mekgatlhong go dira jalo gore ba bopagane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Ditshupo tsa dihutshane
Date : 28 Mar 2017






