A badimo ba ntse ba a laola kwa Lerala
27 Mar 2017
Ba ba dumelang mo badimong ba bua ba sa kgwe mathe ka dithata le dinonofo tsa badimo ba Lerala mo kgaolong ya Tswapong e e tumileng ka tumelo ya sedimo.
Fa o se motho wa motse oo, dikgang tsa teng di ka go tshosa tsa bo tsa go tshabisa le go etela kgotsa go direla teng.
Bosheng jaana gone mo Lerala go na le polelo ya gore badimo ba ne ba dira gore seromamowa sa Botswana se seka sa gasa ka nako e fa se ne se tsamaya motse le motsana ngogola.
Go ya ka ba ba itseng ka tiragalo eo, seromamowa se ne sa goroga fela sentle kwa Lerala kwa kgotleng kgolo mme ya re se tshwanetse go dira kgaso sa palelwa ke go dira.
Se go ne go dumelwa fa se dirilwe ke badimo ka go ne ga tlhalosiwa fa ba ne ba sa rerisiwa pele ga seromamowa se tla.
Ka jalo go ne ga tshwanelwa ke gore go ye go kopiwa kwa badimong mme seromamowa sa kgona go simolola go gasa mme se simolotse motshegare se ne se tshwanetse go simolola mo mosong.
Nngwe ya dipolelo ke ya kgorogo ya molelo wa kgolagano kwa Lerala.
Go bolelwa fa go ne go tletse ketsaetsego le dipheretlhego mo dipaakanyong le ka lone letsatsi le molelo o neng o goroga ka lone mme e bile go tlhalosiwa fa se se ne se dirwa ke gore badimo ba ne ba sa rerisiwa.
Tshwanelo go bolelwa e le gore, sepe fela se se dirwang mo motseng, se tshwanetse sa feta ka badimo, ga kopiwa mo go bone mme e nne bone ba rebolang kana ba ganang tiro eo.
Go thata go tlhalosa le gone go tlhaloganya fa o tlhalosediwa.
Mo potsolotsong bosheng le Kgosi Kenatshele Dialwa wa kgotlana ya Monneng, kgosi o boletse fa e le boammaaruri gore Lerala ke mengwe ya metse mo kgaolong ya Letswapo e go fitlhelwang badimo mo go yone.
Le fa gone re ne re batla go utlwa ka tsele le tsele tsa tumelo e ya badimo, konokono e ne e le go batla go itse gore a le jaana badimo ba sa ntse ba ka dira diaba tse di tshwanang le tsa tsela ya ga Tshekedi, e go tweng e ne ya re e sena go rengwa, ditlhare tsa boa tsa mela gape.
Le fa pele a ne a bua a ngodiega, e potso Kgosi Dialwa o ne a itlhaganelela go e araba.
A bolela a sa oshaoshe fa badimo ba le teng, e bile dinonofo tsa bone di sa fokotsega ka tsela epe fela.
“Kana le yone tsela ya ga Tshekedi fa go ne go kopilwe mo badimong ke dumela go dirwa ga yone go ka bo go ne go atlegile,’ kgosi a tlhalosa.
Ditiro tsa ditlhabololo di dirilwe di le dintsi morago ga tsela eo, mme ka go ne go salwa thulaganyo morago go kopiwa kwa badimong, di teng re a di bona,” Kgosi Dialwa a tlhalosa.
Ka tumelo ya ga kgosi, ditiragalo tsa sebopego se di sa ntse di ka diragala, mme ka jalo batho ba sa tshwanela go itebala kana ba tswelela ba tsaya dikgang tsa badimo motlhofo jaaka bangwe ba dira.
Go gatelela dintlha tse, mongwe wa batho ba ba kgonang go bua le badimo, Mme Lefetlhwana Moroka o ne a tlhalosa ka fa a dirisanyang le badimo ka teng le ka fa e reng dilo di sa tsamae sentle e nne ene a yang go kopela morafe wa Lerala ka teng kwa thabeng.
Mme Moroka a re go le gantsi o nna a palama thaba ya Lerala a ya go kopa pula le go kopa pholo fa go na le mongwe yo o sa tsogang le tse dingwe fela jalo.
A re ngwana fa a le monnye a sa kgone go bua, o kgona go isiwa kwa thabeng go ya go mo kopela mme e re morago a felele a bua.
O boletse fa go tle go nne le ditiragalo di tshwana le tsa go wela ga mabitla fa motho yo o tlhokafetseng e le wa sedimo mme a sa begwa kwa badimong.
Mme Moroka a re dilo tsa jaanong ga di tshwane le tsa pele.
A re batho ba malatsi ano ga ba sa tlhole ba dumela mo badimong jaaka ba pele mme a re le fa go ntse jalo, se ga se kgoreletse badimo go supa dithata tse ba nang le tsone fa dilo dingwe di sa dirwe sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalethata Malete
Location : LERALA
Event : Polelo
Date : 27 Mar 2017






