Breaking News

Bogodu bo a kekela kwa Mahalapye

27 Mar 2017


Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a re motse wa gagwe ga o robadiwe ke bogodu jo bo tsereng phekelo e sele mo kgaolong ka kakaretso.
Kgosi Segotsi o buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e buisiswa ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama kwa kgotleng ya Mowana kwa Mahalapye ka Labone.
A re Mahalapye o setse o itsewe ka bogodu fela jo bo sa jeseng diwelang, bogolo jang bogodu jwa leruo.
Ka jalo o ne a kopa puso go ba thusa go bona gore ba busetsa motse wa bone mo seemong se se eletsagang e bile se kgatlhisa.
Kgosi Segotsi a re se se ngomolang pelo ke gore kgaolo-potlana ya Mahalapye e na le metse e ka nna masome a mane mme se se dire gore tiro ya bone ya go leka go laola bogodu jo e ba fekeetse.
Le fa go ntse jalo, kgosi o ne a lebogela puso go bo e bone go ka busetsa dikago tsa pele tsa sepodisi mo tirisong, mme e bile di tloga di bulwa mo bogaufing.
O ne a kopa gore e re dikago tse di sena go bulwa puso e dire sengwe ka go oketsa mapodisi a a ka tlang a thusa go laola borukutlhi jo bo kanakana, a kopa gore a go ka se tsisiwe mapodisi se se faphegileng sa masole mo kgaolong.
Kgosi Segotsi a re bogodu jo bongwe ke jo bo dirwang ke banana go amoga bagolo di-tsa bone, le go iphitisa nnotagi.
A re banana ba iphithisa dino fa ba tswa foo ba kgothotsa batho masigo, ba thuba matlo, selo se a reng se ba apeistse kobo ka letshoba.
E rile a mo kgwa dikgaba, ramapodisi a kgaolo ya Bokone, Legare Rre Christopher Mbulawa a tlhalosa fa e le mapodisi ba eme ka dinao go bona gore seemo se sa bogodu se a laolesega mo kgaolong-potlana ya Mahalapye.
Rre Mbulawa a re ba tshwenngwa ke dikgang tsa go thujwa ga matlo mo kgaolong mme e le mapodisi ba setse ba tsere tshwetso ya gore ba tsise sone sepodisi se se faphegileng sa masole mo kgaolong.
A re sepodisi se, se okametse kgaolo se nna kwa Palapye mme e bile fa ba sale ba goroga borukutlhi bo wetse tlase.
Rre Mbulawa o ne a kopa banni ba Mahalapye go emisa go fitlha batswakwa ba ba senang diteseletso mo matlong, a re batswakwa ba motshegare ba a tswalelwa mme bosigo ba bulelwe.
A re ba setse ba tshwere batswakwa ba ba senang diteseletso ba ka nna masome mane le botlhano fa ba sale ba simolola go lwantsha seemo se.
O ne a kopa banni gape go tlhokomela dithoto le leruo go itsa gore magodu a di tsee, a tlatsa ka go re fa gongwe matlo a a thujwa kgotsa leruo le utswiwa ntateng ya go tlhoka tlhokomelo. Mo go tse dingwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya Mowana, Rre Orelebile Baatweng o ne a kopa puso go sekaseka ditiro tsa Ipelegeng, a kopa gore e nne tsa sennela ruri.
Rre Baatweng a re mo kgaolwaneng ya bone ditiro tsa Ipelegeng ke tsa go tlhagola, go kgaola ditlhare le go phepafatsa mme ba eletsa go nna le ditirelo tse e tlaa reng kamoso ba  itshetse ka tsone mo isagong.
Modulasetilo o ne a lela gape le ka gore bontsi jwa banni ba kgaolo ya bone ga ba ise ba bone dithuso tsa nyeletso lehuma ntswa bontsi jwa bone ba isitswe dithutong.
Rre Baatweng a re selo se se a tshwenya ka jaana ba ntse fela ga go na se ba ka se dirang ba letile go thusiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Mar 2017