Dibelang serodumo sa bogosi
25 Nov 2016
Dikgang tsa go lwela bogosi di a tshwenya, ka jalo go botlhokwa gore dikgosi le merafe di supe ba ba tshwanetsweng ke bogosi ka nako gore ba ba ngongoregang ba itshupe.
Mo potsolotsong bosheng, kgosi e e tlogetseng tiro ka bogodi, Rre Lefatho Lesenyamotse wa Makwate mo kgaolong-potlana ya Mahalapye,a re o lemogile gore fa esale tiro ya bogosi e simolola go atswiwa ka madi,go tsogile dikgotlhang mo metseng ka go farologana.
A re bontsi jwa nako dikgogakgogano di tsoga fa kgosi yo o ntseng a eteletse pele a sena go tlhokafala kana a tlogela tiro ka mabaka a bogodi.
E re go ntse jalo batho bangwe ba ipatle mo maemong a go nna jalo,mme ba tla ka mowa o sele o e seng wa go aga le go etelela setshaba pele.
O kgothaditse dikgosi go bitsa diphuthego go buisana ka tsamaiso ya bogosi go fedisa seemo sa go bona bangwe ba tsosa dikgotlhang moragonyana kgosi e sena go tlogela tiro ka bogodi.
A re kgosi ga se motho fela yo o ka tsewang motlhofo mme e tshwanetse ya nna motho yo o tlotlwang ke setshaba sa gagwe a na le seriti sa boeteledipele e bile a tshwara morafe ka tekatekano.
Rre Lesenyamotse a re kgosi o tshwanetse go tshwara ditsheko kana go tshereganya dikgang tsa morafe a sa tseye letlhakore lepe,gape a dira ditiro tse di eletsegang mo setshabeng.
E re ka Setswana se re kgosi thotobolo o olela matlakala ka jalo kgosi o tshwanetse go itsaya sentle mo setshabeng e bile a amogela batho botlhe ka tekatekano.
“Motho yo kgosi ke motho yo o bopaganyang setshaba e bile a dira ditiro tse di tlhabololang morafe ga mmogo le motse wa gagwe”,a tlhalosa.
Le fa go ntse jalo,a re batho ba ba lwelang bogosi ke batho ba ba eletsang go bo diga seriti ga mmogo le boleng jwa jone mo Botswana.
Rre Lesenyamotse a re dikgang tsa bogosi di tsweletse ka go runya lefatshe ka bophara,a tlatsa ka gore nako e tsile ya gore dikgosi le merafe di fedise tlhakatlhakano go netefatsa gore bogosi bo nna le serodumo se se bo tshwanetseng. BOPA
Source : BOPA
Author : Gabanne Kitso
Location : Makwate
Event : Potsolotso
Date : 25 Nov 2016






