Breaking News

O atlholetswe go utswa mo tirong

08 Nov 2016

E rile ka Labotlhano (Ngwanatsele a le malatsi a mane), lekgotla la bosekisi la Setswana kwa Tonota la atlholela mosadi mongwe wa mmereki kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya borutabana sa Tonota go kiba sebaka sa ngwaga mo kgolegelong morago ga go bonwa molato wa go gopela dithoto kwa a direlang teng.

Go ya ka motsamaisi wa tsheko, Constable Mojaboswa Puoeng, e ne ya re mo kgweding e e fetileng e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borobabongwe, Baalora Mogorosi a fitlhelwa ke badisa dikago tsa sekole sa Tonota College of Education ka dithoto tse go neng go belaesega e le tsa bogodu.

A re e ne e le ka nako ya metsotso e e masome a mabedi morago ga oura ya borobabongwe mo mosong fa ba begelwa tiro ya go nna jalo.

Mosekisi Constable Puoeng, o tlhalositse fa e ne ya re morago ga go begelwa kgang e ba e latedisa mme ka boammaaruri ga supagala fa mme yoo a ne a tsere dithoto tsa kwa a direlang teng e se ka fa molaong.

O tlhalositse fa dithoto tseo di ne di akaretsa mashi a Long life a 500g a le masome a mabedi le botlhano, dithini tsa beef di le thataro, diapole di le thataro, mahura a tletse sekoo sa selekanyo sa 5 litres ga mmogo le nama e e sa apewang ya kgomo ya selekanyo sa 53kg.

Dithoto tse di ne tsa supiwa fa pele ga lekgotla ka nako ya tsheko e le bosupi.

E ne ya re fa mosekisiwa Mme Mogorosi a ema fa pele ga lekgotla le bosekisi a supa fa a ipona molato mo tshenyong e a e dirileng.

Mme o ne a ipobola gore lekgotla le mo rekegele tsebe fa le ntsha katlholo ya molato wa gagwe ka jaana e le ene motlhokomedi wa bana ba gagwe ba a kaileng ba sa ntse ba le dingwaga tse di kwa tlase.

E ne ya re pele ga Kgosi Goitsheka Hetanang a ntsha katlholo ya mosekisiwa a gatelela fa ope yo a thapilweng gope fela a ka dira molato wa go utswa fa a direlang teng a tshwanelwa ke go atlholelwa sebaka sa dingwaga tse supa mo kgolegelong.

Mme le fa go ntse jalo Kgosi Hetanang o ne a tlhalosa fa lekgotla le rekegetse boipobolo jwa mosekisiwa le gone gore ke sa ntlha a dira molato.

Ka jalo, Kgosi Hetanang a mo atlholela sebaka sa ngwaga mo kgolegelong, a bo a seegela fa thoko dikgwedi tse di lesome le bone mosekisiwa a sa dire molato ope wa sebopego se.

Dithoto tsone di ne tsa busediwa kwa sekoleng sa Tonota College of Education. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : TONOTA

Event : Tsheko

Date : 08 Nov 2016