Banana ba rotloediwa go tsaya tlhopho tsia
07 Nov 2016
Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Bobonong, Rre Andrew Seutlwetse, o kgothaditse banana ba Gobojango go eteletsa tlhopho pele.
O buile jalo kwa thuto-seka dipuisanong le banana bosheng.
Rre Seutlwetse a re go a tshwenya gore banana ba bo ba sa tseye karolo mo ditlhophong ka go ikwadisa, mme ba ba ikwadisitseng bone ba sa tlhophe ka letsatsi la ditlhopho.
Rre Seutlwetse a re ba tshwanetse go itse tsamaiso ya molao, bontlhopheng, le gore tiro ya mokhanselara le mopalamente ke eng.
A re ba ka tlhaloganya tseo fela fa ba ka nna ba tla dipitsong tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo gore ba anye dithuto tse di ka ba isang golo gongwe.
E rile a tswa la gagwe, mongwe wa banana ba ba tseneng thuto seka dipuisano eo Mme Cindy Molebatsi a re bontsi jwa nako banana ba tlhopha motho ba lebile phathi ya gagwe le gore o tswa mo lelwapeng le le ntseng jang.
A re nako e ntsi batho ga ba tlhophe banana ka lebaka la gore banana ba a bo ba sa itsholela sentle ntswa ba na le bokgoni le botlhale jwa go nna ntlhopheng wa maleba.
O gakolotse banana ba bangwe go sekaseka kgang eo ka lebaka la gore fa gongwe ntlhopheng yo mogolwane o tla bo a lebile go itlhabolola a sa tlhabolole motse ka kitso ya gore o tlaa tswa mo setilong dingwaga tse tlhano a sa ntshiwe ke ope.
A re madi a a ntshiwang go emela ditlhopho a ka baya banana ka fa mosing ka lebaka la gore ba a bo ba sena madi a ipapatso mme motho yo mogolwane yo o tlogetseng tiro ka bogodi go motlhofo go ka emela ditlhopho ka gore o a bo a na le madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Monosi Cletus
Location : GOBOJANGO
Event : Thuto-seka dipuisano
Date : 07 Nov 2016






