Babereki ba itumetse
20 Oct 2016
Babereki bangwe ba Ipelegeng kwa toropong ya Jwaneng ba akgotse tsamaiso ya lenaneo la Ipelegeng ya go ba letlelela go tsena diphuthego tsa kgotla ka ba re diphuthego tse di ba tswela mosola thata.
Ba buile se ba itebagantse le phuthego ya patlo maikutlo e e neng e tshwerwe bosheng kwa kgotleng ya Jwaneng e ba neng ba filwe sebaka sa go e tsena.
Mme Gontse Tebele wa dingwaga tse di masome a mabedi a re e ne e le lwa ntlha a tsena phuthego ya go nna jalo mme e mo tswetse mosola thata ka a ithutile go le gontsi ka mananeo a puso le ditlhabololo tsa motse. A re le ntswa ba ne ba tsene phuthego eo morago ga nako, sebaka se ba se boneng go ka reetsa se se neng se buiwa mo phuthegong se ba tswetse mosola.
Mme Tebele o ne a tswelela ka gore o eletsa gore go ka tswelela fela jalo ba nna ba fiwa sebaka sa go tsena diphuthego tsa kgotla bogolo jang tse di itebagantseng le go tlhabolola matshelo a bone.
A re lenaneo la Ipelegeng le thusa fela thata mme keletso ke gore mo tsamaong ya nako a kgone go itirela botshelo jo bo botoka ka jalo diphuthego tsa go nna jalo di ba ruta sengwe.
Rre Oganeditse Raditsokwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi le ene o ne a lebogela phuthego eo ka a re o ne a ithuta go le gontsi go tswa mo dikakgelong tsa batho ba ba neng ba tsene phuthego.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : JWANENG
Event : JWANENG
Date : 20 Oct 2016






