Badirela puso ba supa mowa wa lerato
19 Oct 2016
Komiti ya Mogonye ya Village Extension Team (VET) e abetse bana ba le batlhano ba ba tshelang ka bogole dithoto tsa madi a P2000 ka Labotlhano.
Ba abetswe dikobo, melora le dibata.
Fa a aba dimpho tseo semmuso, modulasetilo wa komiti eo, Mme Violet Majagoba, o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e ne e le go thusa ba ba tlhokileng lesego, go ba fa lorato le seriti ga mmogo le go lwantsha kgethololo.
Mme Majagoba a re ka e le badirelapuso ga ba a tla go bereka fela kwa motseng oo, mme ba na le seabe mo go direleng le go tlhabololeng setshaba.
A re go aba ke nngwe ya maikarabelo a bone ka Tautona a kopile Batswana go tswelela ba thusa ba ba tlhokileng lesego gore le bone ba ipone ba na le boleng mo botshelong.
Fa a ntsha la gagwe, mongwe wa maloko a komiti, Mme Josephine Moswai o tlhalositse gore direlapuso ba tsweletse ka go thusana fa mongwe wa bone a na le bothata gore a seka a felela e kare o nosi fa a na le ba ba ka mo fanang tsholofelo le lorato.
Mme Moswai a re ba setse ba kile ba a fa mongwe ka bone dithuso ka go farologana morago ga go shelwa ke ntlo, mme seo se ile sa ba tiisa moko gore ba tshwanetse ba tswelela ba tshegeditse maitlamo ao a bone.
Batsadi ba bana bao le bone ba ile ba supa boitumelo le go lebogela dimpho tseo ka ba re go supa gore ga ba nosi mo go tlhokomeleng bana ba bone e bile ba re ba eleletsa banaleseabe mo dimphong tseo katlego mo botshelong.
Mokhanselara wa kgaolo ya Mogonye-Manyana Rre Peter Sethibe a re komiti eo e dirile tiro e ntle fela thata e bile o ba rotloeditse go tshwara ka natla le gore ba seka ba kgobega marapo mo tseleng.
Rre Sethibe a re go nna modirelapuso ga se go bereka tiro e o e hiretsweng fela mme fa o bona go na le letlhoko golo gongwe o tshwanetse wa nna le setho ka go tsenya letsogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : MOGONYE
Event : KABO DIMPHO
Date : 19 Oct 2016




