Tsebe ditelele e nowa moro le mashi
19 Oct 2016
Go tswa gooLowe, tonki e ne e ruiwa ke batho ba le bantsi ka ba ne ba e pagama, ba rwala dithoto le go lema ka yone.
Bangwe ba e tseela kwa godimo ka jaana ba rekisa mashi le nama ya yone.
Mo potsolotsong bosheng Rre Baboki Keoreng wa Matshelagabedi o ne a tlhalosa botlhokwa jwa tonki.
A re nako e ntsi, tonki e ne e le seruiwa fela sa go bereka ka ebile ba dumela gore e nonofile, go fitlhela ba utlwa batho bangwe ba re ba ja nama ya yone e bile ba kaya fa e na le tatso.
Rre Keoreng a re se se ne sa mo gakgamatsa fela thata mme ya re mo tsamaong ya nako, a nna a ntse a kopana le dikgang tsa mofuta o, o ne a feletsa le ene a eletsa go utlwa se ba bangwe ba se utlwang.
O tlhalositse fa e ne ya re nako nngwe a ile masimo, a fitlhela digwapa mo terateng di anegilwe, mme go ya ka tebo ya matlho a re o ne a iponela nama ya phologotswana fela go tswa mo sekgweng e bile e nonne e rokotsa mathe.
“Ga ke a emela go fiwa, ke ne ka tlhasela segwapa se ka se ja mxoo phoo, mme tatso ya teng e ne e le ya go ka ratwa ke mongwe le mongwe, kante ke ja tonki,” a tlaleletsa ka go nyenya.
Rre Keoreng a re go simolola ka letsatsi leo, ba ja tonki e bile ga ba na mathata le yone e bile ba e tlhokomela go feta bogologolo ka ba a bo ba batla gore e re nako e ba tlhabang, e bo e tshutshuma mahura.
O ne a tswelela ka gore lerato la gagwe mo go jeng nama ya tonki, ke le le feteletseng ka e bile a ise a utlwalele malwetse a a amanngwang le nama ya yone.
Le fa go ntse jalo, Rre Gaedupi Boifang, yo o tlholegang kwa Sefhare o tlhalositse fa kwa motseng wa bone ba godile ba itse fa tonki e jewa e.
A re le fa ba ne ba e dirisa ditiro tsa mo lwapeng jaaka go lema le go e golega, mme fela ba ne ba e tlhokomela e sa betswe ka ba ne ba se kake ba tla ba a ja nama e e dipadi, e ne e fiwa tlhokomelo ya maemo e bile e ratiwa tota.
O ne a fa sekai ka gore bangwe mo mafelong a mangwe ga ba tsee tonki tsiya, e a betswa, e rwadisiwa dithoto tse di bokete, e kgona le go berekisiwa motshegare otlhe e sa je sepe tota, selo se a kaileng fa kwa ga bone e ne e le moila.
Rre Boifang o tlhalositse fa go na le tumelo ya gore mashi a tonki ke molemo, mme a kgona go fokotsa bogale jwa bolwetse jwa khupelo mo baneng.
O file sekai ka gore ene go mmereketse mo ngwaneng wa gagwe wa mosetsana, yo a neng a tshwenyega thata ka go hupela a sa le monnye, mme fa a sena go nna a mo a nosa a sena go utlwa magatwe ao, seemo sa nna botoka fela thata mo a sa tlholeng a tshwenyega.
Mme Tapologo Molete, yo eleng morui wa ditonki mme a nna kwa Francistown, a re ene tonki o e rekisa go itshetsa mme e bile malobeng jaana e ne e sa rekwe thata jaaka mo malatsing a gompieno.
A re o ne a sa itse fa tonki e jewa go fitlhela letsatsi lengwe borre ba batla go e reka mo go ene mme ba tlhalosa fa ba e rekela go ya go e tlhaba.
Mme Molete a re o ne a gamarega mme ka ene a ne a le mo go anyweng sengwe mo thekong e, a seka a tsenya thata mo tlhogong mafoko a a utlwang gore nama ya tonki ke dikhanakhana.
Mme le fa go ntse jalo, a re kgwebo ya gagwe ya go rekisa ditonki tsa gagwe e tsholetsegile e bile e na le dipoelo tse di botoka ka bana ba gagwe ba seke ba lala ka tlala.
Mo godimo ga moo, o boletse fa go na le magatwe a gore motlhana wa tonki o kgona go dirisiwa mo go bomme ba ba itsholofetseng go belega sentle ba sena dikgoreletsi, a tlhalosa fa basadi bagolo ba bangwe ba itse gore ba dira jang ka one.
Moanamisa mafoko kwa komponeng ya ba tlhatlhobo ya dijo e ka puo ya sekgoa e leng National Food Technology Research Centre (NFTRC) o tlhalositse fa ba setse ba kile ba dira thutuntsho ya bangwe go dira nama ya tonki gore e nne boroso (voerwors), Vienna le di sausages.
A re maitemogelo a bone ke gore nama ya tonki ga e na le fa e le bothata e bile e na le dikotla tse dintsi le mafura a a sa batlegeng mo mmeleng a itsiweng jaaka cholesterol.
“Tonki ga e tshabelelwe ke malwetse a a tlhokanang le go kentelwa fa e tshwantshanngwa le diruiwa tse dingwe tsa mo gae jaaka kgomo mo go ka felelang go tsenya motho bolwetse,” a tlaleletsa.
A re lephata la bone le ikemiseditse go ruta bao ba ba eletsang go ka dira dikgwebo ka nama ya tonki ka jaana go lebega bontsi bo kgatlhegela go ja nama ya yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebalepile Phuthego
Location : FRANCISTOWN
Event : POTSOLOTSO
Date : 19 Oct 2016






