Breaking News

Thuto e tlhoka batsadi le barutabana

18 Oct 2016

Tshwaragano ya barutabana le batsadi e ka tsisa maduo a mantle.

Mafoko a, a builwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Taupye kwa  kgaolong-potlana ya Mahalapye, Rre Tshwaragano Dipao mo potsolosong bosheng.

Rre Dipao o boletse fa batsadi bangwe ba le maoto a tshupa go tla diphuthegong tsa batsadi le barutabana.

A re batsadi fa gotwe phuthego kwa sekoleng o utlwa ba re ba ya merakeng,a tlatsa ka gore seo ke matlhabisa ditlhong e le ruri.

A re jaanong o kare batsadi ba roletse barutabana bana mme a re o kopa batsadi go tlogela mogopolo oo ka o sa siamela thuto ya bana ba bone.

O tswelela a re batsadi ba tshwanetse go emela thuto ya bana ka dinao gore sekole se ntshe maduo a a nametsang.

“Fa maduo a tswa a le mantle re a itumelela rotlhe, mme fa a se mantle ke kgang ya barutabana ba le nosi, ka jalo re tshwanetse ra tshwaragana,”a tlhalosa.

A re molemo wa go ntsha maduo a mantle ke tirisano mmogo le tshwaragano ya batsadi le barutabana e le yone fela thulaganyo e e ka thusang tokafatso maduo a bana.

O tlhalosa gore fa e le gore batsadi bangwe ga ba a tsena ka kgoro ya sekole mme le bone ba tshwanetse go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone,e seng go isa bana kwa merakeng ka nako ya sekole.

A re ba tshwanetse go itse fa thuto e le bokamoso jwa bana e bile thuto e ka ba ntsha mo lehumeng ga mmogo le ba malwapa a bone.

O tswelela a tlhalosa gore go supagetse fa dikole tse di tsweletseng ka go ntsha maduo a a kwa godimo e le ka ntlha ya tshwaragano ya batsayakarolo botlhe mo thutong.

E re gontse jalo, a re o gakolola batsadi go itse fa go le mo maruding a bone go bopela bana bokamoso jo bo phepa ka go ba rotloetsa go tsena sekole le go ithuta.

O ne a supa fa botshelo e le kgwetlho mme go ikanya thuto e le yone tsela ya boammaaruri e e ka bulelang motho mafulo a matalana ga mmogo le go bula dikgoro tsa botshelo tse dintle.

A re o kgothatsa bana botlhe ba ba golelang mo dikgwetlhong tse di thata tsa botshelo di tshwana botlhoki,go isiwa merakeng ka nako ya sekole le bohutsana go tlhaloganya fa seo se ka seke sa ba paledisa go fitlhelela dikeletso tsa bone.

O ba rotloeditse go ikuela kwa go ba boipelego gore ba kgone go tsena sekole ba phuthologile, a kaya fa thuto e ka tsisa pharologanyo mo botshelong jwa bone.

Le fa go ntse jalo, a re o lemogile fa batsadi bangwe ba hira bana kwa merakeng ba ba ntsha mo sekoleng, a tlatsa ka go gakolola ba ba dirang jalo gore ba itse fa seo e le molato.

O supa fa ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase a sa tshwanela go bereka ka fa molaong wa tsa pereko.

O ne a tlhalosa fa ba thusana le ba sepodisi go leka go lemontsha batsadi botlhokwa jwa go tsenya ngwana sekole.

Mo godimo ga moo, o tlhalosa fa bana bangwe ba sa godisiwe sentle ka gore batsadi ba bone ba dirisa nnotagi phetelela e bile bangwe ba nwa bojalwa le bone.

O tswelela a re e le boeteledipele ja motse wa Taupye ba leka bojotlhe go ruta banni ka mananeo a puso a a ka ba thusang go tsenya bana ba bone dikole.

A re sebe sa phiri ke gore ba maoto a tshupa go tsibogela mananeo ao, a tlatsa ka gore bangwe ba ba hira mo Ipelegeng gore ba tle ba kgone go duelela bana sekole.

A re bangwe fa madi a tswa ba a nwa ka bojalwa fela otlhe, a tlatsa ka gore ga ba itse gore jaanong ba ka ba thusa jang gore ba tlhokomele bana ba bone.

Rre Dipao o tlhalositse fa thuto e le Khumo e motho a ka sekeng a e amogwa ke ope, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore banaleseabe botlhe go akarediwa batsadi le barutabana ba nne ngatana nngwe fela go betlela bana bokamoso ka e le bone babusi ba Botswana ka moso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : TAUPYE

Event : POTSOLOTSO

Date : 18 Oct 2016