A bogosi bo robalelwe ke ditlhokwa
13 Oct 2016
Dikgang tsa go lwela bogosi di a tshwenya.
Ka jalo go botlhokwa gore dikgosi le merafe di supe ba ba tshwanetsweng ke bogosi ka nako gore ba ba ngongoregang ba itshupe.
Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Senau Ramaribana wa Setsile mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, a re o lemogile gore fa e sale tiro ya bogosi e simolola go atswiwa ka madi, go tsogile dikgotlhang mo metseng ka go farologana.
A re bontsi jwa nako dikgogakgogano di tsoga fa kgosi yo o ntseng a eteletse pele a sena go tlhokafala kana a tlogela tiro ka mabaka a bogodi.
E re go ntse jalo batho bangwe ba ipatle mo maemong a go nna jalo, mme ba tla ka mowa o sele o e seng wa go aga le go etelela setshaba pele.
O kgothaditse dikgosi go bitsa diphuthego go buisana ka tsamaiso ya bogosi go fedisa seemo sa go bona bangwe ba tsosa dikgotlhang moragonyana kgosi e sena go tlhokafala.
A re kgosi ga se motho fela yo o ka tsewang motlhofo mme e tshwanetse ya nna motho yo o tlotlwang ke setshaba sa gagwe a na le seriti sa boeteledipele e bile a tshwara morafe ka tekatekano.
Kgosi Senau Ramaribana a re kgosi o tshwanetse go tshwara ditsheko kana go tshereganya dikgang tsa morafe a sa tseye letlhakore lepe, gape a dira ditiro tse di eletsegang mo setshabeng.
E re ka Setswana se re kgosi thotobolo o olela matlakala ka jalo kgosi o tshwanetse go itsaya sentle mo setshabeng e bile a amogela batho botlhe ka tekatekanyo.
“Motho yo kgosi ke motho yo o bopaganyang setshaba e bile a dira ditiro tse di tlhabololang morafe ga mmogo le motse wa gagwe,”a tlhalosa.
Le fa go ntse jalo,a re batho ba ba lwelang bogosi ke batho ba ba eletsang go bo diga seriti ga mmogo le boleng jwa bogosi mo Botswana.
Kgosi Ramaribana a re dikgang tsa bogosi di tsweletse ka go runya lefatshe ka bophara, mme a tlatsa ka gore nako e tsile ya gore dikgosi le merafe di fedise tlhakatlhakano go netefatsa gore bogosi bo nna le serodumo se se bo tshwanetseng.
A re setshaba se tshwanetse sa tlhaloganya fa lefatshe leno le le fa le le teng ka ntlha ya dikgosi,a tlatsa ka gore fa e ne e se ka dikgosi gongwe go ka bo go sena lefatshe le le bidiwang Botswana ka nako eno.
“Batswana tsayang dikgato tse di maleba le tlotle bogosi,le tlogele dikgotlhang mme le godise seriti sa bogosi jaaka bogologolo,”a tlhalosa.
A re go tlhabisa ditlhong go bona dikgang tsa bogosi di rarabololwa ke makgotla a ditsheko ba ba sa tlhaloganyeng ka botlalo ditso tsa bogosi jwa morafe ope fela.
O ne a supa gore dikgang tsa bogosi di tlhaloganngwa botoka ke dikgosi, beng ba bogosi le bagolo ba motse ga mmogo le morafe ka kakaretso e seng makgotla a ditsheko,a tlatsa ka gore go mo maruding a
Batswana go tsosolosa ngwao ya bogosi.
O ne a rotloetsa batho ba bogosi jwa letsalo kana ba ba tsetsweng e le dikgosi go tlhamalatsa ditso ba santse ba tshela,a re go dira jalo go hema dikgotlhang.
Mo bogosing jo bo tlhophiwang ke morafe wa motse wa go nna jalo o tshwanetse go tsaya tshwetso ya gore ba etelelwa ke mang ka ditlhopho.
“Ke kopa dikgosi tsotlhe gore di tlhamalatse ditso ka go dira jalo go ka nonotsha tiro ya segosi gape go ka nolofaletsa tona wa dikgaolo tiro,”a tlhalosa.
E rile a bua ka dikgosi tse di letlanyang, o ne a ba rotloetsa ka go tswelela ba agisanya batho kwa malwapeng a supa fa ba dira tiro e ntle mo go ageng setshaba sa lefatshe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditswe Johaness
Location : SETSILE
Event : Potsolotso
Date : 13 Oct 2016






