Ba lwantsha lehuma ka dikeleketsi
13 Oct 2016
Barui kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba tsweletse ka go lwantsha leuba la monongwaga ka ditsela tse di farologaneng. E re ka go twe “maano a botshelo ga a site go sita a loso”, bangwe ba dirisa ditsatlholego fa bangwe ba dirisa se ba se setseng mo masimo go kgaratlhela leruo la bone.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Keireng Molale yo e leng morui wa dihutshane kwa Kang a re morago ga go bona fa leuba le shenne meno, o ne a simolola go bapalela dihutshane tsa gagwe dikeleketsi.
Dikeleketsi ke maungo a setlhare sa mokala se se anameng mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone.
Mme Molale yo o dingwaga di masome a mararo le bongwe a re dikeleketsi jaaka ditsatlholego tse dingwe, di na le nako e di bapalwang ka yone. A re paka ya mariga ke yone e dikeleketsi di a bong di bodule go ka bapalwa.
O tlhalositse fa barui ka ene kwa kgaolong ya gagwe ba tswa kgakala ba bapalela dihutshane dikeleketsi ka nako ya leuba.
A re ene o thuga dikeleketsi mme a di kopanye le letswai le le makgabana la leruo.
O kaile fa dikeleketsi e le mmamoratwa wa dihutshane.
Mme Molale yo o thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go rua dihutshane a re gape o lwantsha leuba ka go kgaogana se a se setseng mo masimo le dihutshane tsa gagwe. A re fela jaaka dikeleketsi, o kgaba lerotse a dira lengangale mme a le kopanye le letswai.
O supile fa lengangale le lone e le sejo se se ratiwang ke dihutshane.
Rre Nonofo Bareeleng yo le ene e leng morui wa dihutshane kwa Kang a re setlhare sa salt bush se se tlholegang kwa lefatsheng la Australia se mo thusitse ka nako ya komelelo. A re o ithutile ka setlhare seo mo baruing ba bangwe.
O supile fa a lemile setlhare sa salt bush mo lwapeng la gagwe go se jesa dihutshane tsa gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : KANG
Event : Potsolotso
Date : 13 Oct 2016






