Breaking News

Monana wa Bobonong o itshetsa ka go loga

10 Oct 2016

Monana  wa kwa Bobonong, Mme Naledi Sobea, o itshetsa ka go loga.

Mme Sobea o tlhalositse fa a simolotse kgwebo e ka ngwaga wa 2012 ka kgwedi ya Sedimonthole.

A re o sa le a  ithuta go loga moriri a santse a le dingwaga di kwa tlase mme a nna a dira jalo ka go loga meriri ya balekane ba gagwe mme a sa lope dituelo dipe.

Mme Sobea, yo o dingwaga di masome a mararo le boraro,  a re e rile go fetsa dithuto tse dikgolwane kwa Matshekge ka ngwaga wa 2003 a simolola go loga batho mo malwapeng mme e le tsela ya go itshetsa.

A re o ne a lemoga fa go loga go ka mo tswela molemo, mme a ya go ikoketsa botlhale ko Madirelo Training and Testing Centre.

Go fetseng dithuto tsa gagwe kwa Madirelo a re o ne a nna le kgwetlho ya go tlhoka lefelo le madi a a ka direlelang teng mme a tsaya kgato ya go kopa thuso ko lenaneong la banana la Youth Development Fund (YDF).

Maiteko a gagwe a ne a atlega mme ka ngwaga wa 2012 a bula madirelo a a logelang meriri teng.

Madirelo a ga Mme Sobea  a itsege ka leina la Ti Ti Bye mme a fitlhelwa mo kgotleng ya Borotsi, mme o leboga YDF go bo e mo thusitse ka madi a go itshimolela kgwebo. “YDF e nthusitse gape ka go atolosa kgwebo ya me ka jaanong ke na le didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang mo kgwebong ya go ntlafatsa meriri”.

Monana yo a re o setse a busitse madi otlhe a a neng a a adimilwe ke ofisi ya banana mo Bobonong.

A re o ne a adimilwe P80 203 mme o busitse P34 200.

A re kgwebo e e tlhabolotse botshelo jwa gagwe ka jaanong a kgona go jesa ba lelwapa la gagwe e bile a le mo maikaelelong a go ikagela ntlo.

Ntswa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle, Mme Sobea o boletse fa go na le dikgwetlho di tshwana letlhoko la baji bareki ba kgwebo ya gagwe e bile nako nngwe kgwebo eo e amiwa ke kgaogo ya motlakase ka didirisiwa tsa gagwe di dirisa motlakase.

A re “ke lebogela Modimo talente e”, mme a supa fa bopelotelele, boitshoko le maitshwaro a a siameng di le botlhokwa mo dikgwebong tsotlhe ka kakaretso.

Mme Sobea o ne a konetelela ka go kgothatsa banana ka ene go tsaya mananeo a banana ka tlhwaafalo ka a ka ba thusa go nyeletsa lehuma le go tokafatsa matshelo a bone.

O tsweletse a ba gakolola go inaakanya le ditiro tsa diatla ka di ka thusa go kabakanya itsholelo ya lefatshe leno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalethata Akoonyatse

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 10 Oct 2016