Mathathane o ipelela boipuso
21 Sep 2016
Mothusa ratoropo wa Selibe Phikwe Rre Molefhi Pilane a re botho le tshwaragano ke konokono mo sechabeng fela jaaka e le ngwe ya matshego a tebelopele ya sechaba ya ngwaga wa 2016.
Rre Molefhi o buile se ka Lwetse a le 16, fa banni ba motse wa Mathathane ba ne ba ipelela malatsi a le lesome le bone a a setseng go ya ko boipusong jwa dingwaga tse di masome a matlhano kwa kgotleng ya Mathathane.
O tlhalositse fa lefatshe la Botswana le sa le le tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966, mme go rena kagiso, kgololesego le thitibalo.
A re ke tshwanelo ya gore go ka ipelelwa letsatsi la boipuso ka go na le thitibalo go sa tshwane le mo mafatsheng a mangwe ko go tshelwang ka lebelo ka lebaka la dintwa le dikgotlhang tsa sepolotiki.
Rre Pilane a re lefatshe la Botswana le ne la kgona go fitlhelela dilo di le mmalwa jaaka go agiwa ga dikokelo, dikole, ditsela morago ga go tsaya boipuso mo go Mmamosadinyana.
Pilane a re thuto ya Botswana e ntse e a fetoga go nna ya maemo a a kwa godimo ga mmogo le go tokafatsa ditirelo tsa botsogo.
Rre Pilane o tlhalositse fa ditswammung jaaka diteemane le temo-thuo di fetotse matshelo a Batswana, e bile di sa ntse di tsweletse ka go dira jalo.
A re mo mafatsheng mangwe go na le dintwa tsa semorafe, tsa ditumelo mme mo Botswana ga go na sepe sa go nna jalo.
Rre Pilane o ne a re itshireletso e e mo Botswana le yone ke ya maemo a a nametsang ntswa go na le tse di tshwenyang jaaka bogodu jwa leruo.
Ka go le sego letsogo le le abang badiri ba kokelo ya Mathathane le ba lekalana le le tlhokomelelang balwetse kwa malwapeng ba bone go le maleba go aba dijo le melora e e tlhapang mo go ba ba tlhokang le go abela bangwe balwetse ba ba tlhokomelelwang kwa malwapeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Selelo Moshokgo
Location : Mathathane
Event : Ipelo
Date : 21 Sep 2016






