Breaking News

Sekoma o gatetse pele ka dipaakanyo

08 Sep 2016

Banni ba Sekoma mo kgaolong ya Borwa ba tshwere ka natla mo go netefatseng gore boipuso jwa monongwaga bo tlaa nna pharologanyo.

Kgosi Kekailwe Tefiso o kaile fa ba gatetse pele mo dipaakanyong, a tlhalosa fa ba setse ba kgonne go aga ntlo ya Setswana kwa kgotleng e maikaelelo a yone e leng go ikgakolola botshelo jwa pele jwa Setswana.

O ne a kaya fa le ditlhopha tse di tlaa bong di natetsha e bile di ruta ka ngwao ya Setswana le tsone di setse di bonetse. 

Kgosi Tefiso o tlhalositse fa go tlaa nna le metshameko ya Setswana e bagolo ba motse ba tlaa bong ba e tsene, a kaya fa go dira jalo e le maikaelelo a go ruta le go kaela banana kwa ngwao ya bone e tswang teng. 

O buile fa go dira jalo go tlaa thusa thata gore banana ba fetisetse ngwao kwa kokomaneng e e tlang gore ngwao ya Setswana e seka ya latlhegela ruri.

A re ntswa ipaakanyo e kgatlhisa leitlho, mowa wa boithaopo mo banning ba Sekoma le boradikgwebo o kwa tlase ka jaana go tshwere mabogo a le mangwe fela ntswa morafe o le teng. 

Kgosi Tefiso o tlhalositse fa boipuso e le jwa monni mongwe le mongwe wa Sekoma ka jalo go le botlhokwa gore botlhe ba tsenye letsogo. 

O gateletse fa mabogo dinku a thebana mme e bile megopolo e e farologaneng e ka tswa go dira boipuso jwa monongwaga gore e nne jo bo tlaa gopolwang le mo dingwageng tse di tlang ka jaana ditlhaloganyo tse dintsi di tlaa bo di tshwaraganetse ipelelo ya boipuso.

O rotloeditse banana ba motse go nna le mowa wa boithaopo a kaya fa lefatshe leno le agetswe mo moweng wa boithaopo. 

O ne a tlhalosa fa go ithaopa ga banana go tlaa ba thusa le bone go itse gore lefatshe leno le tswa kae le gone go amogela ponelopele ya lone. Kgosi Tefiso o ne gape a rotloetsa banana ba motse wa gagwe ba ba kwa ditoropong go iponatsa ka letsatsi la boipuso ka jaana le bone ntswa matshelo a bone a remeletse kwa ditoropong go le botlhokwa mo mothong go itse ngwao ya gagwe. Kgosi o gateletse fa banana ba ka anya sengwe sa ngwao se ba ka se dirisang go itshetsa. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Segomotso Lemme

Location : Sekoma

Event : Potsolotso

Date : 08 Sep 2016