Ipelelo ngwao e tlotlomatsa boleng le ditso tsa morafe
07 Sep 2016
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Kanye, Rre Tlhomamo Dibeela a re go ipelafatsa ka ngwao ke morafe ope fela go tlotlomatsa boleng le ditso tsa merafe.
Rre Dibeela o boletse se mo moletlong wa go ipelela ngwao kwa motseng wa Magoreapitse mo Kgaolong ya Borwa ka Matlhatso. O boletse fa Botswana jaaka lefatshe a itemogetse kgolo ya itsholelo go tloga kwa go nneng lengwe la mafatshe a a neng a humanegile thata go tla mo go la itsholelo e e fa gare ka ntata ya ngwao e e rotloetsang popagano, therisano le popagano fa gare ga merafe. A re ke ka ntlha ya popagano go bo lefatshe leno le tswelwa ke mafatshe a mangwe pelo e bile Botswana a dira sentle thata mo kgaolong ya Aferika le lefatshe ka bophara. Ka jalo Rre Dibeela yo gape a leng mokhanselara wa kgaolwana ya Dilolwe mo Kanye o ne a kopa banni ba Magoreapitse go tswelela go tshwara ka natla le go babalela dintlha tsa ngwao tse di dirileng gore lefatshe leno le bo le gatetse pele.
Rre Dioka Dioka, yo e neng e le molalediwa wa tlotla go tswa kwa Kurumane kwa lefatsheng la Aferika Borwa o ne a akgola thata maiteko a morafe wa Magoriapitse a go tsosolosa ngwao le go e somarela.
Rre Dioka a re go tsosolosa ngwao ke nngwe ya ditsela tsa konokono tse di ka dirang gore ngwao e seka ya nyelela.
A re bogolo jang meletlo ya ngwao e ruta dikokomane tse di tlang kwa ba go tswang.
E ne erile a akgela go le pele, Rre Mokeresete Kgorotlhe a bolela fa maikaelelo a letsatsi leo le le neng le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng, “Ngwao pilara ya Batswana go tloga dingwaga tse di masome a matlhano le go feta” a tlhalosa fa ngwao e tsweletse ka go latlhegela Batswana.
Le fa go ntse jalo, Rre Kgorotlhe o ne a leboga segolo bogolo puso go bo e tsere tshwetso ya go tsosolosa le go rotloetsa ngwao. Jaaka dibui tse dingwe, Rre Kgorotlhe a re tsosoloso ngwao ke yone tsela fela e ngwao e ka fetisediwang kwa dikokomaneng mme e seke e nyelele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : MAGORIAPITSE
Event : ipelelo ngwao kwa Magoreapitse
Date : 07 Sep 2016






