Batswana ba na le bokgoni
06 Jul 2016
Palo e ntsi ya Batswana e na le bokgoni jwa go itsamaisetsa dikgwebo.
Se se tlhalositswe ke mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Bonnington borwa, Rre Ndaba Gaolathe mo thuto seka dipuisanyo ng ya bagwebi ba ba botlana mo kgaolong ya gagwe.
Bontsi jwa bagwebi ba ba botlana ba, ba direla mo dimausung tse dinnye mo mekgwatheng ya toropokgolo Gaborone fa bangwe ba direla mo malwapeng, seemo se Rre Gaolathe a reng kwa bofelong se phutlhamisa madirelo a bone.
Rre Gaolathe e ne e rile pele ga thuto sekadipuisano eo a kopana le bagwebi ba ba botlana, kwa Block 9 mo Gaborone go ba rotloetsa le go ba fa dithuto tsa kgwebo mahala ka setlhogo se se reng “Dilo tsotlhe di simologa di le dinnye, le semausu se ka nna Mokgankgara.”
O ne a rotloetsa bagwebi bao, ba bontsi ja bone e neng e le banana go nna le tebelopele ka gore batho bontsi ba ba lereng diphetogo mo lefatsheng ba simolola ka go nna le tebelopele ya gore ba tlaa bo ba le kae mo nakong e e tlang.
A re fa ba akanya ka kgwebo, ba tshwanetse ba ipotse gore tebelopele ya bone ke eng, ba ikaelela go rekisa jang, ba ithulaganya jang, le gore ba ikaelela go rulaganya dikgwebo tsa bone tse dipotlana jang.
O ne a ba ruta mekgwa e e farologaneng ya go rekisa jaaka go baya ditlhwatlhwa, go ipapatsa, ditirelo le tse di rekiswang.
Rre Gaolathe o rotloeditse bagwebi ba ba botlana go akanyetsa tse dikgolo ka go ikopanya ba bo ba ipaakanyetse go atolosa dikgwebo tsa bone tse di ka ba kgontshang kana tsa ba naya thata ya go bua ka tsa kgwebo botoka.
A re kwa bofelong o eletsa go bona Batswana ka bontsi ba na le mabenkele a matona, a tlatsa ka gore seo se ka diragala fela fa ba reka dilwana tse ba di rekang di le dintsi ka nako e le nngwe, ba dira ka ditlhopha kana kopano epe fela go thusanya le go abalana dikitso.
Rre Rapula Kegopilwe, wa moithaopi mo go tsa kgwebo o boletse gore go tlhokana le dikitso tse dintsi le thuto go kgona go fenya dikgwetlho tsa kgwebo.
O ne a rotloetsa ba ba tseneng dithuto tseo gore ba itlwaetse go kwala sepe fela se ba se dirang gore ba itse gore go batlega eng mo mmarakeng.
A re dilo tse di jaaka mafoko a a ipapatsang a a kgatlhang, a tlhalosa kgwebo le go dirisanya le ba bangwe e le setlhopha le dikoporase di ka isa bagwebi ba ba botlana kwa mankalengkaleng.
Mongwe wa banni yo o boletseng fa a tshela ka go tsadisa le go rekisa dintsa a re mo nakong e telele o ne a hirisetsa dikompone tsa itshireletso dintsa mme a sa itse ka fa a ka bayang ditlhwatlwa tse di siameng ka teng.
A re o ne a lemoga kwa morago ga dingwaga gore dintsa tsa gagwe tse a di hirisang ka P650 ka kgwedi, o ka bo a di kopetse madi a a fa godimo ka gore di duelwa go feta bone badisadikago.
Monni yo mongwe gape, Mme Olebogeng Tsiako aka Enigma yo a itsegeng ka metlae o ne a ngongoregela gore Batswana ka bontsi ba sa ntse ba gopola gore metlae ke itloso bodutu ya mahala, a re mme ba tshwanetse go fetola go akanya jalo.
A re Batswana ba ba gwebang ka metlae ba tshwaragane le bothata jwa batho ba ba dumelang gore metlae e tshwanetse ya bonwa mahala.
Le fa go nose jalo, Rre Gaolathe o mo gakolotse go ikopanya le ba ba lebaneng gore ba kgone go bona mmaraka o ba ka gwebang mo go one, le go leka go itlhabolola gore a dire tiro ya gagwe botoka. BOKHUTLO.
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Thuto seka dipuisanyo
Date : 06 Jul 2016






