Breaking News

Dikereke di tlhabolola lefatshe

05 Jul 2016

Mogolwane kwa lekalaneng la Citizen Enterpreneurial Development Agency (CEDA) a itebagantse le baikopedi ba lenaneo leo (client service centre),Rre Ditiro Mangadi a re dikereke di supile seabe se setona thata mo tlhabololong ya lefatshe.

Rre Mangadi o ne  a le sebui sa letsatsi kwa mogwantong o o duelelwang wa dikhilomithara tse di lesome, o o neng o rulagantswe ke ba kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion ba Magapatona ka Matlhatso.

A re dikereke di nnile le seabe se setona thata ka go bo go rena kagiso le thokgamo mo lefatsheng ke fa go gatang dikereke teng. O ile a gatelela ka gore mo Botswana go na le kgololesego ya go obamela Modimo ke ka moo go kgonafetseng go goroga mo dingwageng tse di masome matlhano setshaba se goga ka mowa o le mongwe wa kagiso.

Fa a bua ka mananeo a CEDA, o boletse gore mo kgaolong ya Francistown mo go tsa CEDA e akaretsa le metse e e kwa Tutume le Masunga dikgwebo tse di lekgolo le masome a supa le borobabongwe di thusitswe ka madi a dikete tse di lekgolo le masome mane a dipula mme tsa kgona go thapa batho ba le makgolo a matlhano le masome a matlhano le bosupa.

A re bagwebi ba temo-thuo ba sa ntse ba le boutsana go ka ikopela dithuso ko CEDA,a gatelela ka gore fa e le mo kgaolong ya Tutume ke mathata ka ga ba ise ba iponatse.

O tsweletse a bolela fa go na le mananeo a mangwe a masha a baikopedi ba ka a dirisang go kopa madi kwa CEDA jaaka la bagwebi ba ba botlana ba ba rekisetsang mo mekgwateng. A re bone ba ka ikopanya ba nna setlhopha sa batho ba le batlhano kana go feta.

O tlhalositse fa baikopedi ba rutintshiwa dibeke tse thataro pele ba ka thusiwa, a supa fa madi ao a na le morokotso wa botlhano mo lekgolong. 

Rre Mangadi a re le b aba neetsweng dithendara ba sena madi ba CEDA ba kgona go ba adima madi go dira thendara eo mme madi ao ba tseye morago ga go wetsa tendara.A supa fa ba thusetse thata mo tseleng ya Tutume\Goshwe.

A re madi a mantsi kwa CEDA ka jalo a kopa batho go tla ka bontsi go ikopela madi ao, a gatelela ka gore madi ao a a busiwa gore ba bangwe ba kgone go thusiwa.

Mokwaledi mogolo wa kereke ya Head Mountain,Moruti Tendani Manyiwa o ne a bolela fa kereke eo e kwadisitswe ka fa molaong ka ngwaga wa 1974. Mokwaledi Manyiwa a re kereke eo e simolodisitswe ke moruti Toitoi Mthembu a tswa Zimbabwe, a tlhalosa fa mo Botswana ba na le makalana a a ka tshwarang lekgolo.

O ile a supa fa ba lebangwe ke dikgwetlho tse ditona thata ba le ba dikereke tsa semowa ka madi a ba a lopiwang fa ba leka go tlhabolola mafelo a ba obamelang mo go one a le mantsi.

A re dikereke di leka ka bojotlhe go aga dikago tse ba obamelang mo go tsone,a re sebe sa phiri ke gore fa ba batla gore ba di beye mo seemong se se tsamaelang sa nako eno sa go gokela motlakase le metsi ba lopiwa madi a mantsi ntswa bone ba sa dire madi gape bontsi jwa baphuthegi e le batho ba batona ba ba ikaegileng ka madi a bagodi.

Fa a tlhalosa maikaelelo a mogwanto oo, moreri Kopano Tamari o boletse fa ba ikaeletse go gokela motlakase mo kagong ya kereke ya bone. A re ba kompone ya motlakase ba ba lopile dipula tse di makgolo a mabedi le borobabongwe go gokela motlakase mo kagong eo.

Moreri Tamori a re se ba se tshwereng mo matsogong ga se lekane ka jalo ba bona go tshwanela go rulaganya mogwanto o o duelelwang ka ba itse fa mabogo dinku a thebana.

Mogolwane wa CEDA, Rre Thabo Thamane o ba solofeditse P20 000. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Mogwanto

Date : 05 Jul 2016