Breaking News

Ngokelang banana mo phathing - Masisi

04 Jul 2016

Modulasetilo wa phathi ya Botswana Democratic Party (BDP) , mothusa tautona Rre Mokgweetsi Masisi o kgothaditse banana ba phathi go ngokela banana ka bone mo phathing ka go ba rerela ka mananeo.

Rre Masisi o buile jalo mo phuthegong ya phatlalatsa mo Palapye e e neng e tsenwe ke banana ba phathi ya BDP gotswa mo dikgaolong tsa botlhophi tsa mapalamente tsotlhe.

Are bone ele bagolo ba phathi ya BDP ba dumelane go seegela fa tlhoko selekanyo sa masome a matlhano mo lekgolong (50 per cent) wa maemo mo phathing go a neela banana, e le go ba lomela meno mo sepolotiking.

One a galaletsa banana ba phathi are fa ba kgona go ithulaganya bale nosi mo bokopanong jwa mofuta o, se ke sesupo sa gore ba tiile mokwata.

Rre Masisi o ne a gatelela botlhokwa jwa go rerela banana ka bone ka mananeo a phathi a a diretsweng go tlhabolola matshelo a bone, are ke yone phathi fela e e kgathalang ka matshelo a banana.

One are fa banana baka ema ka dinao jaaka baitshupile, ba ka kgona gore ere ka 2019 ba busetse dikgaolo tse di gapilweng ke ba kganetso ka 2014 mo pusong ya domokoraga.

Rre Masisi one a amogela moeteledipele wa SRC gotswa kwa BUIST le maloko a mangwe are seo se supa kgolo ya phathi.

Mothusa mokwaldi mogolo wa phathi mopalamente wa Bobirwa Rre Shaw Kgathi le ene one a iteela kobo moroko mafoko aga mothusa tautona are bokopano jo bo botlhokwa mo nakong e phathi e ithokoletsang ditlhopho tse ditlang.

Dibui ka go farologana go ne gole mokwaledi wa kgaolo ya Letswapo mokhanselera wa Lerala Bophirima Rre Gabogopolwe Sebele yo a neng a supa fa ele maikaelelo a bone go monela marulana pele go ipakanyetsa ditlhopho tse ditlang ka go gapa dikgaolo tse di mo diatleng tsa ba kganetso tsotlhe.

Rre Lotty Manyapetsa one a supa fa gona le bonno “mo phathing e e busang e e buwang ka mananeo a a ka thusang setshaba goya pele.”

One a rotloetsa banana ba phathi ya BDP go ema ka dinao go supa boikarabelo mo go direleng phathi ka botswa pelo, segolo jang go ba ruta ka mananeo a puso le go ba kgotlhatsa go a dirisa.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya phatlalatsa

Date : 04 Jul 2016