ESP ga e sutlhe NDP
04 Jul 2016
Tona wa botsogo, Mme Dorcas Makgato, a re lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP ga le sutlhe lenaneo le le ntseng le le teng la ditogamaano tsa ditlhabololo.
Mme Makgato o buile se fa a buisa diphuthego kwa metseng ya kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami bosheng.
A re lananeo la ESP le ne la nopola ditlhabololo tse di neng di le teng mo lenaneong la ditlhabololo mme di seegetswe kwa thoko ntateng ya letlhoko la madi.
Ka jalo a re madi a a neng a le teng a ne a seka a kgona go dira ditlhabololo tsotlhe mme ga tsewa tse dingwe mo dikgaolong dingwe le dingwe mo lefatsheng leno.
O tsweletse a re ga go ree gore fa ditlhabololo dingwe di ne di solofeditswe banni mme tsa seka tsa nna dingwe tsa tse di mo legatong la ntlha la ESP ga di na go dirwa gotlhelele.
Mme Makgato a re lenaneo la ESP le kgaogantswe gararo mme ditlhabololo tseo di ka nna mo legatong la bobedi kana la boraro la ESP.
Mme Makgato yo e bileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami o kopile banni go sa nneng le boitlhobogo ka ditlhabololo tsa bone fa e le gore di mo lenaneong la ditlhabololo le le mo tafoleng la bolesome le bongwe di ka seke di sutlhiwe ke lenaneo la ESP.
O tsweletse a re ESP ga e a tsenya maphata otlhe mme e akareditse lephata la thuto, lephata la ditsha le matlo, lephata la ditsela, lephata la temo-thuo le lephata la meepo, kgotetso le metsi.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Mme Makgato o ne a leboga banni ba kgaolo ya gagwe gobo ba ne ba baakanyetsa tiro ya molelo wa kgolagano ka mashetla.
A re ntswa a ne a seyo mo lefatsheng leno ka nako ya fa molelo wa kgolagano o le mo kgaolong ya gagwe o ne a fiwa dipego tse dintle tsa gore molelo wa kgolagano mo kgaolong ya gagwe o tsamaile jang.
A re o ne a nna le sebaka sa go amogela molelo fela kwa motseng wa Pilikwe fa o tsena mo kgaolong ya gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Jul 2016






