Breaking News

Bakwena ga ba itumelele morero

03 Jul 2016

 Maiteko a go rerisa  Bakwena ka thulaganyo ya go bulwa ga maemelo a dibese kwa Molepolole go simolola Phukwi a tlhola gangwe, a  amogetswe ka maikutlo a a farologanyeng.

Bangwe ba re thulaganyo eo e  ne e sena morero o o tlhapileng.

Matshwenyego a bone a ne a supagala morago ga gore modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffrey Sibisibi, a lekodise ka go wediwa ga dikago tsa maemelo a dibese a a lopileng P160 million kwa kgaolwaneng ya Borakalalo. 

Morafe o wa supa fa o ne o na le tsholofelo ya gore modulasetilo o tlaa tlhalosa ka dilo dingwe tse di amanang le tiriso ya maemelo a dibese jaaka go rebolelwa ga tiriso ya metlaagana le diphetogo tsa metsamao ya dipalamo tsa setshaba mo gare ga motse.

Le fa go ntse jalo, Rre Sibisibi o ne a supa fa a se mo seemong sa go arabela dikgang tseo ka jaana di na le maphata a di lebaneng nao ntle le gore go dirilwe khupelekhupele ka metlaagana mme karabo e tlaa rolwa mo bogaufing.

Mme Seanokeng Kgosiesele o ne a supa ka monwana thulaganyo ya khansele ya go abiwa ga metlaagana gore go dirilwe ka tshokamo go itlhokomolosa tumalano ya pele ya gore bagwebi ba ba botlana ba ba direlang kwa maemelong a magologolo a dibese ba direlwe thulaganyo e e faphegileng go abelwa palo e e rileng ya metlaagana. 

Mafoko a ga Mme Kgosiesele a iteetswe kobo moroko ke Mme Gaefele Morake yo le ene a leng mo kgwebong ya go tsamaya a rekisa gore bogogi jwa khansele bo dule batlhanka ba mafoko a bone . 

Mogwebi wa dikoloi tse di rwalang setshaba, Rre Duncan Olaetse, o eme nokeng kgang ya bagwebi gore se khansele e tlaa bong e se dira e tlaa bo e le go sa  rekegeleng bokamoso jwa bone ka go ikgatholosa tumalano ya gore ba tlaa abelwa palo e e rileng ya metlaagana pele go ka sekasekwa dikopo tsa morafe.

Rre Basonoko Phuthegelo ene o ne a supa tlhobaelo ka gore molaetsa wa modulasetilo ga o a tlhalosa dintlha tsa botlhokwa di akaretsa diphetogo tse di yang go nna teng mo dipalamong tsa setshaba mo gare ga motse ka go folosa le go pega morafe. 

Rre Phuthegelo o ne a batlile go itse gape gore thulaganyo e e yang go dirwa go tlhomamisa go re metsi a nna teng ka dinako tsotlhe ke efe, mme modulasetilo Sibisibi o solofeditse fa khansele e goketse tanka ya makata dimetshe go hema bothata bope jo bo ka tlhagogang.

Morafe mo go bone go le kgosi wa kgotla ya gooThato Rre Gobusamang Lebang ba kopa ba ba lebaneng go betla tsela go tlhomamisa gore ditaxi di sala morago thulaganyo ya go baya bapalami kwa ba yang teng go na le ya nako eno e bapalami ba ditaxi mo Molepolole ba jewang ntsoma ka maipato a gore ditsela ga di tsamaege. 

Le fa go ntse jalo, morafe o kgaphela ntlha eo kwa thoko ka go supa gore beng ba ditaxi tsa Molepolole ga ba dumele go fapoga  le mo ditseleng tse di thetsweng sekonotere.

Tlhaloso e e ntshitsweng ke motswarelela modulasetilo wa dipalamo tsa setshaba mo Molepolole Rre Mosamarea Gasefetoge ke gore mo mabakeng a mantsi bo bakwa ke go gogagona ga bapalami ka go sa dumeleng gore taxi e fapoge e pegile. BOKHUTO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 03 Jul 2016