Moshaga o kopa kereke go kgalema
03 Jul 2016
Maloko a UCCSA kwa Kanye a rotloeditswe go nna le lerato mo go ba bangwe le go tlhokomela bana ba dikole.
Go rotloeditse jalo mongwe wa diopedi, Rre Taolo Moshaga, fa a ne a etetse kereke eo bosheng kwa Kanye.
O boletse fa bakeresete ba latlhile mowa wa bokopano le go laola bana ba bannnye gore ba nne le boikarabelo.
Rre Moshaga o boletse fa bana ba gompieno ba sena tsebe ka ba dira dilo tse di maswe ba sa ithute ntswa botshelo jwa bone bo le mo diatleng tsa bone.
O boletse fa bogologolo bana ba ne ba tshaba bagolo ba ba obamela thata ka tlotlo mme gompieno bagolo ba lebeletse fela gore di hule mmogo, ga gona mogolo le ngwana go lekanwa fela.
O kopile badumedi go godisetsa bana mo dikerekeng, ba itse ka ga Modimo le molemo le bosula.
O boletse fa a tlaa rotloetsa kereke ya Lontone go nna le boikarabelo jaaka pele fa a ne a godisediwa mo go yone.
Rre Moshaga o kopile bagolo go supa lorato ka dinako tsotlhe gore bana ba bone ba tseye malebela mo go bone.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 03 Jul 2016






