Breaking News

Ga ba itumelele lekgotla la kabo ditsha

04 Jul 2016

Banni ba Setsile kwa kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba lela ka lekgotla la kabo ditsha ba re le diega go ba baya ditsha tsa bonno le masimo.

Banni ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone Mme Botlogile Tshireletso bosheng.

Ba kaile fa motse wa bone o tlhomamisitswe go nna motse ka 2007, mme e rile ka dingwaga tsa 2008/09/10 lephata leo la tla go rurifatsa ditsha dingwe tsa bonno mme le gompieno bangwe ga ba ise ba rurifadiwe.

E rile a a fa pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Moefesia Lefhoane, a tlhalosa fa selo se se ba baya ka fa mosing fela thata ka le go tlhabolola ba setse ba tshaba go tlhabolola e se re gongwe ba laolwa go fuduga.

Rre Lefhoane a re gape ba phaka dipeo ba lebile masimo a bone mme sebe sa phiri ke gore ba lephata la kabo ditsha ba tlhalositse fa ba sa tshwanela go ka katolosa temo mo masimong a bone ka ba sena ditlankana tsa one.

O ne a tlhalosa gore fa motho kgotsa molemi a batla go tlhabolola kgotsa go oketsa temo ya gagwe go le dingalo ka gotwe ba eme fela fa ba kileng ba bo ba lema teng kana fa matlo a leng teng. E rile a tswa la gagwe, Mme Tshireletso a tlhalosetsa banni ba Setsile gore puso e ikaelela go dirisa dikago tsa yone tsa  bogologolo tse di sa  tlholeng di le mo tirisong go rutela batho ditirelo tsa mananeo mo go tsone.

Mme Tshireletso a re dikago tse di tlaa bo di kgona go tsaya batho botlhe ba ba ithutelang dithuto di tshwana le thuo ya dikoko tsa mae, go dira toilet paper, go dira dipholeche, melora e e tlhatswang le tse dingwe. A re selo se, se tsile go dira gore batho ba le bantsi ba aloge mo ditirong ka go farologana.

Fa a bua ka dikgang tsa ditsha tsa motse wa Setsile, mopalamente o ne  a tlhalosa gore motse wa bone o simologile e le motsana mme ka o beilwe motse ba se fele pelo gore ba ka tla ba rurifadiwa fa dilo tsa puso di tsaya lobaka.

Le fa go ntse jalo, o ne a ba tlhalosetsa fa  ba lephata la gagwe ba tlaa ikopanya le bone go bona gore go ka fefosiwa ikwadiso jang gore ba nne ba phuthologile.

Mo go tse dingwe, o ne a tlhalosetsa banni gore puso e tshwenyegile ka tlhokomelo ya bana e e lolea go tswa mo botsading. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya Mopalamente

Date : 04 Jul 2016