Breaking News

Kokelo ya Orapa e abela baithuti

03 Jul 2016

Babereki ba kokelo ya Orapa ba  abetse baithuti ba ba nnang kwa hoseteleng ya Khwee didirisiwa tse di tlhapang, melora e e tlhatswang, e e phepafatsang le dikausu tsa sekole.

E rile fa a tlhalosa ka kabo dimpho e, motlhokomedi wa kokelo ya Orapa Mme Veronica Mokgosi, a re ba ne ba dira se go tsibogela mokgosi wa ga Tautona wa gore setshaba se thuse ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Mme Mokgosi a re ba dirile se ka go kokoanya madi mme ba tlhopha go thusa bana ba ba nnang mo  hoseteleng ya Khwee, ka ba lemoga gore le fa puso e ba tlhokomela, ga go a lekana.

E ne ya re a lebogela dimpho tse,  mogolwane wa boipelego Rre Ketumile Motlhagodi,  a supa  fa khansele e tlhokomela bana ba ba nnang mo hoseteleng ka go ba rekela paka ya sekole, diaparo tsa motse, melora le ka sepalamo. 

A re hosetele ya Khwee e na le bana ba le lekgolo le lesome le bosupa.

Rre Motlhagodi a re bana ba ba nnang kwa Khwee, ke ba ba tswang kwa merakeng e e mo tikologong ya motse oo. 

Ka jalo ba ba phuthela mo go yone gore ba ba tlhokomelele teng ba tsene sekole ka gape batsadi ba bone ba sena bokgoni.

Rre Motlhagodi a re ba ba tlhokomela go fitlhelela ba fetsa kwa dikoleng tse dikgolwane ba ba thusa ka sengwe le sengwe se motho a se tlhokang, a tlhalosa gore ba a leka ga ba kgone fa gongwe ka lebaka la tlhaelo ya madi.

Ka jalo ba buletse gore ba ba nnang le bokgoni ba ba thuse.

Rre Motlhagodi  o ne a rotloetsa bana go amogela dimpho tse ka lorato, a bo a ba kgothatsa gore ba tseye thuto ya bone ka tlhwaafalo le gore ba eletse go nna le bokamoso jo bo lolameng.

Mothusa  kgosi wa Khwee, Rre Gabarutwe Boloka, a re bana ba hosetele ya Khwee ba tlhokomelwa sentle  thata e bile ga ba sa tlhole ba ngwega jaaka pele.

A re le fa go ntse jalo ga gona dipone mo matlong a bone a boroko.

E rile a lebogela dimpho, mokhanselara wa kgaolwana ya Khwee, Rre Keetile Gobotswang a  lebogela lerato le kutlwelobotlhoko e ba sepatela sa Orapa ba e supileng ka go abela bana ba ba hosetele dimpho,a re se se supa gore ba tshegeditse lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe leno la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka ba bangwe.

Rre Gobotswang a re go sego letsogo le le abang, a  tswelela ka gore dimpho tse di tsisitse boitumelo mo baneng e bile di ya go dira pharologanyo e ntsi mo matshelong a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keflwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Kabo dimpho

Date : 03 Jul 2016