Khansele e fokotsa badiri
03 Jul 2016
Modulasetilo wa khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Tassman Cebani, a re tshwetso ya go kgaola baeteledipele ba ditiro tsa Ipelegeng kwa kgaolong ya gagwe e tserwe ke bodiredi jwa khansele.
Rre Cebani o buile jalo fa a ne a botsolotswa mabapi le dingongorego tsa banni ba Taupye le Boseja/Flowertown mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, tse mo go tsone batho ba neng ba ngongoregela go kgaolwa ga baeteledipele ba Ipelegeng.
A re e re ka badiri ba khansele ba tsere tshwetso ya go kgaola baeteledipele ba Ipelegeng ba lebile tlhaelo ya madi, ke sone se khansele ya gagwe e neng ya dumelana le tshwetso eo.
Rre Cebani a re ka madi a a neng a abetswe ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng mo ngwageng wa madi wa 2016/17 a ne a sa lekane ditiro tse di neng di tshwanetse go dirwa, ke sone se khansele e neng ya dumela mogopolo wa go fokotsa dipalo tsa baeteledipele ba Ipelegeng go na le go kgaola babereki ba lenaneo leo.
Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Detto Molatlhegi, o boletse mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso kwa Taupye le Boseja gore khansele e abetswe P41 544 00 go dirisiwa mo ditirong tsa Ipelegeng mo ngwageng wa madi wa 2016/17.
E rile mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja/Flowertown Rre Koolekanye Tumelo a bua mo phuthegong eo, a bolela fa go sena tirisano le neelano mo khanseleng ya kgaolo-potlana ya Mahalapye ka jaana bodiredi bo kgona go tsaya ditshwetso bo sa rerisana le makhanselara a e leng one a rweleng boikarabelo.
Mopalamente Tshireletso o ne a tlhomamisetsa banni ba Taupye le Boseja fa a tlaa ikopanya le bagolwane ba khansele gammogo le ba lekgotlana la kabo ditsha go ngunanguna dikgang tseo pele a ka ikopanya le matona a a lebaneng le lephata leo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 03 Jul 2016






