Lenaneo le reba banni dipelo
29 Jun 2016
Dipelo tsa banni ba metse ya Kgari, Pole le Mosojane mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima, go lebega di boetse mannong morago ga gore selelo se ba tswang kgakala ba lela ka sone sa go dirwa ga tsela ya Tshesebe/Mulambakwena se arabiwe ke lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP).
Le fa ba itumelela go utlwa fa selelo sa bone se tlaa arabiwa, fela bangwe ba ne ba supa fa ba tlaa wela dibete fa tsela e setse e dirwa ka jaana ba tswa kgakala ba solofediwa mme go bo go felela mo phefong
Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale o ne a tlhomamisetsa banni ba metse eo gore fa tsotlhe di ka tsamaya ka fa go solofetsweng ka teng tsela eo e tlaa simolola go dirwa ngwaga o o tlang o simologa.
Rre Butale o tlhalositse jalo fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa.
Rre Butale a re tsholofelo ke gore pele ga kgwedi ya Lwetse monongwaga go bulelwe thendara ya go dirwa ga tsela eo, mme e bo e le gone go ka diragadiwang dithulaganyo tsotlhe tse di tlhokafalang tse di rebolang go simolodisiwa ga tiro.
A re go dirwa ga tsela go tlaa thusa bana go oba matsogo ka jaana ba tlaa bona ditiro mo dikhamphaning tse di tlaa fiwang dithendara tsa go dira tiro, a tlatsa ka gore le ditsela tse di fapogang mo tseleng eo, jaaka tsa Mosojane-Masukwane-Kgari le Masunga/ Letsholathebe le tsone di tlaa dirwa.
Go ntse go le foo, Mopalamente Butale o ne a gwetlha banni ba metse eo, go dirisa moletlo wa boipuso jwa monongwaga go leboga Modimo go bo a ba baletse e bile a pepetleditse lefatshe leno go goroga kwa dingwageng tse di masome a matlhano le ipusa ntle le dikgoberego dipe.
Banni ba Kgari, Pole le Mosojane le bone ba ne ba nna le sebaka sa go lekodisa mopalamente wa bone ka matshwenyego a bone ka go farologana mme segolo jang ba supa kamego mabapi le ka fa mananeo, bogolo jang a nyeletso lehuma a leng bonya ka teng.
Ba ne ba supa fa bangwe ba sa bolo go dira dikopo mme ba solofediwa fa ba tlaa thusiwa, ka jalo nako kgolo ke eno.
Kwa Kgari, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Simon Borotho o ne a itsise mopalamente fa Water Utilities Corporation e jesetsa banni ba ba ikaegileng ka dipompo tsa setshaba mo kgobedung ka jaana dikarata tse di gang metsi mo dipompong tseo di sa bereke. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Kgari
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Jun 2016






