Bogodu jwa dihutshane bo koafatsa maiteko a puso
29 Jun 2016
Banni ba metse ya Taupye le Boseja/ Flowertown ba re le ntswa lenaneo la LIMID le le botlhokwa mo go tlhabololeng matshelo a batho, maiteko a lone a nyeletswa ke batho ba ba tsweletseng ka go utswela ba bangwe dihutshane tse ba thusitsweng ka tsone.
E rile ba akgela mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa bone, Mme Botlogile Tshireletso Seetebosigo ale masome a mabedi le borobabobedi, ba bolela fa lenaneo la LIMID le le bogadi bo gaufi mo go tlhabololeng matshelo a Batswana ka jaana dihutshane di kgona go tsala gabedi mo ngwageng e bile di kgona go tsala mahatlha.
Banni ba ne ba kopa gore phuthego ya palamente e e tlaa simololang ka Mosupologo wa beke e tlang, go dira molao o o tlaa letlelelang Tautona go oketsa dikatlholo tsa bogodu jwa loruo.
E rile ba itebagantse le dikgang tsa bosheng tsa go itshwara ka maitseo a a duleng mo tseleng ga baithuti ba sekole sa Madiba Senior Secondary le ba sekole sa Pekenene Junior Secondary, ba kopa gore thupa ya mokwatla e letlelelwe mo dikoleng le mo makgotleng a Setswana ka e le yone e ka busetsang banana mo sethong se Batswana ba itsiweng ka sone.
Dingwe tse ba di kopileng mo metsing ya bone ke koketso ya dipompo tsa phatalatso ya metsi le motakase kwa Taupye le Boseja, go tshelwa ga ditsela tsa metse ya bone sekontere,go ba agela dikokelwana tse di nang le matlwana a pelegiso le go ba direla motshela-kgabo o ba ka o dirisang go kgabaganya noka ya Mahalapye ka dipaka tsa dipula.
Mopalamente Tshireletso one a tlhalosa fa mmuso o tshwenyegile ka dipalo tse di golelang pele tsa go ima ga banana mo dikoleng tsa lefatshe leno, go oketsega ga dipalo tsa bana ba ba phakisiwang dijo mo dikokelwaneng le koketsego ya bana ba masiela le dikhutsana.
Mme Tshireletso, yo e bileng ele mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, a re fa borre ba ne ba sa itatole bana e bile bana ba basetsana ba ne ba sa phuaaganye bana le batsadi goya kwa diteropong, madi a a dirisiwang ke lephata la boipelego go tlhokomela bana ba go nna jalo aka bo a dirisiwa mo ditirong tsa ditlhabololo.
O akgoletse batho ba kgaolo ya gagwe go tsena meletlo ya go amogela molelo wa kgolagano ka dipalo tse di ntsi le ntswa pula ene e tsorotla mo metsing mengwe.
O ne a ba kgotlhatsa go tswelela ka go baakanyetsa boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa le go baakanyetsa letsema la ngwaga wa 2016/17 ka go ikwadisetsa dipeo.
Mabapi le kgang ya go tlhoka go itshwara sentle ga bana ba sekole sa Madiba le Pekenene, Mme Tshireletso o boletse fa ana le pelaelo ya gore batsadi ba ba sa ikemisetseng go tsena diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana eka tswa ele bone ba rekisetsang bana ditago ditshwana majalwa le motlokwane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Jun 2016






