Breaking News

Molaodi o tsamaisa nyeletso lehuma

29 Jun 2016

Molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba, a re ofisi ya ga molaodi e neetswe boikarabelo jwa go tsamaisa lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong.

Rre Chilimba o buile jalo fa a lekodisa banni ka lenaneo la go rudisa itsholelo le go ipaakanyetsa moletlo wa boipuso jwa masome a matlhano kwa Tutume ka Mosupologo.

A re ka thulaganyo ya nyeletso lehuma, baikopedi ba tlaa bo ba thusiwa ke lephata la ga molaodi ka dithuso tsotlhe tse ba di kopang go na le jaaka go ne go ntse pele fa ba ne ba thusiwa ke maphata ka go farologana.

Molaodi Chilimba a re go ntse go na le modiri a le mongwe yo o itebagantseng le lenaneo leo kwa kgaolong-potlana ya Tutume, mme a tlhalosa fa go tsisitswe banana ba le bararo go thusa, mme ba tlaa bo ba sekaseka ka fa lenaneo le tsamayang ka teng.

O ne a bolela fa ba ne ba kopilwe gore go dirwe dikomiti mo metseng tsa nyeletso lehuma tse di tlaa nnang di leka go bona gore batho ba ba ikopetseng mananeo ba bona dithuso tsa bone le go bona gore ba ba filweng ba tsamaya sentle.

Molaodi a re seo ga se a kgonagala ka ga go ope wa ba ba neng ba tshwanetse go aga komiti eo a ileng a itshupa.

O ne a kopa baeteledipele ba motse, bogolo jang makhanselara le magosi go thusana le ofisi eo ya ga molaodi gore batho ba kgone go bona dithuso tsa bone.

Gape o tsweletse a gakolola batho go begela ofisi ya ga molaodi dingwe tse di sa tsamayeng sentle jaaka kgang e e teng e baikopedi bangwe ba dipodi ba amogiwang dipodi tsa bone tse ba di ipatletseng mo baruing gotwe di neelwa baikopedi ba ba saleng ba leta.

Rre Chilimba o ne a gatelela ka gore seo ga se tshwanelo gore motho a tseelwe dipodi tsa gagwe ka gore ka thulaganyo, lephata ke lone le le tshwanetseng go batlela batho dipodi, eseng gore ba ba kgonang go ka ipatlela ba tseelwe gotwe go neelwa ba ba saleng ba leta go ka rekelwa.

Mo go tsa lenaneo la go rudisa itsholelo, Rre Chilimba a re mo ngwageng wa madi wa 2016/17, go tlaa agiwa kokelo ya Tutume, matlo a bonno kwa kokelwaneng ya Thini le kago ya matlo a le lesome le borataro kwa sekoleng se segolwane sa Denjebuya, gammogo le go tsenya ditlamelo mo lefatsheng le le tlaa abiwang kwa kgotleng ya Magapatona.

Mookamela lenaneo la nyeletso lehuma kwa kgaolong-potlana ya Tutume, Mme Barulaganye Mosetlha a re ba abetswe madi a sedikadike le dikete di le makgolo matlhano sa dipula go thusa go rekela batho dithoto tsa bone tse di saletseng morago.

Mme Mosetlha a re mo baikopeding ba le sekete le lesome le borobabobedi, ba le makgolo a marataro, masome a matlhano le borobabobedi ba neetswe didirisiwa tsa bone tsotlhe fa ba le makgolo a mararo le masome a marataro bone ba tsere dithoto tsa bone di tlhaela.

O ile a bolela fa go sa ntse go tlhaela dithuto tse di tseneletseng mo bathong ka bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo ba sa ntse ba na le tlhaloganyo ya gore dithoto ke tsa ba ba thusitseng jaaka bangwe ba re dipodi kana dikoko ke tsa ga mmaboipelego. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Bokopano

Date : 29 Jun 2016