Breaking News

Motsamai o galaletsa tautona

29 Jun 2016

Kgosi  Kgosidialwa  Motsamai wa Tsetsebye o galaleditse Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a na le  mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko.

Kgosi Motsamai a re fa e sale Tautona Khama a tsena mo tirong ya go etelela lefatshe pele, mowa wa go thusa ba ba tlhokileng lesego o godile mo setshaba se setseng se itse go ka thusa bangwe ka bone.

 O buile seo kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Bobonong, Rre Shaw Kgathi,  bosheng.

 Mo go tse dingwe, Kgosi Motsamai o ne a lela ka letlhoko la metsi a supa fa ba a nwa mo didibeng tse di  kgotlelesegileng.

Modulasetilo wa  komiti ya ditlhabolo tsa motse, Rre Zachariah Mokganedi, a re banni ba tshwenngwa ke seemo sa kokelwana ya bone a re e tlhoka go godisiwa e bile go tlhokega ngaka e e itebagantseng le metse ya Tsetsebye le Moletemane.

 Rre Mokganedi a re ba thusiwa ke ngaka go tswa kwa kokelong ya Bobonong a supa fa moo go sa lekana.

 Le fa go ntse jalo,  Rre Kgathi  o kgothaditse dikomiti tsa motse wa Tsetsebye  go itsolopanya le go direla setshaba se se ba  beileng mo maemong ao.

A re ditlhabololo di logwa ke setshaba ebile di tsenngwa mo ditogamaanong tsa dikgaolo le tsa setshaba mme di batlelwe madi gore di dirwe mme a ba gakolola go tsenya matlhoki a bone fa go logwa ditogamaano.

Rre Kgathi a re ofisi ya sepodisi ya Tsetsebye e tsentswe mo lenaneong la ditogamaano la lesome le bongwe mme a supa fa borukutlhi mo kgaolong ya mapodisi a Bains Drift bo laolesega.

A re borukutlhi jo bo sa ntseng bo tshwenya ke jwa leruo, dipolaano le go thubetsa mme a kopa setshaba go thusana le mapodisi go busetsa seemo mo taolong.

Rre Kgathi, yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo, a re kgaolo ya Baines Drift e na le mapodisi a le masome a mabedi le bone mme ka ngwaga wa 2014 e gatisitse dikgang tsa bogodu ja leruo di le lesome le bosupa, tsa go thuba marekisetso di le borobabongwe, tsa go thubetsa di le bosupa.

Mopalamente Rre Kgathi o ne a abela banni ba Tsetsebye le Moletemane dikobo, diaparo tsa bana le bagolo, le go fa ditlhopha ka go farologana dibolo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : Tsetsebjwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Jun 2016