Breaking News

Se ikgatholoseng ba-na-le-bogole

29 Jun 2016

Moeteledipele e bile e le mosimolodi wa lekgotla la Botswana Network for Mental Health (BONMEH), Mme Charity Kennedy, a re ba-na-le-bogole ke batho fela jaaka mongwe le mongwe ka jalo ba tshwanetse go fiwa tlotla e e ba lebaneng.

Mme Kennedy o buile se fa a abela bana ba ba tshelang ka bogole dimpho tsa diaparo kwa sekoleng se sebotlana sa Bonewamang kwa Molepolole ka Seetebosigo 23.    

O boletse fa bogole bo sa tlhaole ope e bile bo ka tlela mongwe le mongwe, mme bo ka tla ka lebaka la kotsi ya koloi kana ngwana mo lwapeng a ka tsholwa ka jone.

A re Batswana ba tshwanelwa ke go gakologelwa tsela e mmadikole a agilweng ka yone mme ba tsosolosa mowa oo, ka se se ka ba busetsa mo Setswaneng se se reng kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.

O kgadile a sakgwe mathe batho ba a reng ba na le mowa wa gore seemo sa bo-na-le-bogole ga se ba ame ka go sena mo-na-le-bogole mo malwapeng a bone.

A re go tsenya letsogo mo tlhokomelong ya bana ba, go ka fa motho sebaka sa go tlwaela seemo sa bana ba, mme e re fa go diragala gore a nne le ngwana wa mo-na-le-bogole mo lwapeng la gagwe kana mo lesikeng a bo a na le kitso ya gore o ka mo tshwara jang.

Mme Kennedy o kgothaditse batsadi go amogela seemo sa ba-na-le-bogole, mme a tlatsa ka gore ba seka ba ba leba ka tsela e sele. A re go a tshwenya go bo go sa ntse go na le batho ba ba fitlhang banalebogole ko mahure kana ba ba tlogela ba le nosi fa ba tsamya mediro kana ba na le mosepele. 

A re selo se ga se a siama mme e bile se tshwanetse go emisiwa ka ponyo ya leitlho, mme batho ba lemoge ditshwanelo tsa bone. A re batsadi ba seka ba ipona letsapa go tsamaya le banalebogole ko medirong.

E rile a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la thuto kwa Molepolole, Mme Rosalind Serumola a lebogela tiro e e dirilweng ke BONMEH, a tlhalosa fa ba tshela letshego la ‘tshaba e e kutlwelobotlhoko’.

A re lephata la thuto le itumela thata fa ba bona batsadi le dikompone tse di ikemetseng ba tsenya letsogo mo thutong ya bana, mme a re boithaopo jo bo ntseng jaana bo supa fa lefatshe le tlaa kgona dikgwetlho tsa thuto.

“Go dira jaana go fa bana ba sebaka sa go iteisanya borathata le ba bangwe ba le mo seemong se se siameng”, Mma Serumola a gatelela.

A re dikgwetlho tsa bana ba banalebogole di gaisa tsa bana ba ba itekanetseng ka jalo go le maleba gore mo dithusong tse bana ba ka di neelwang, go le maleba gore ba thusiwe pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : Molepolole

Event : Kabo Dimpho

Date : 29 Jun 2016