Breaking News

Batswana ba kgothadiwa

28 Jun 2016

Mopalamente wa Tati Botlhaba Rre Guma Moyo, o kgothaditse Batswana go tswelela ka mowa wa go ipelega go na le go ikaega thata ka dithuso tsa puso.

Mopalamente o buile jalo ka mafelo a beke kwa tshimolodisong ya kago ya ntlo ya motlhoki ya dikamore tse pedi ke United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) ya Maun. Ntlo eo, ba kereke ba e agela Mme Kelejwang Mhaladi wa kgotla ya Maphaneng mo Maun.

A re mowa wa go ipelega ke one o o supang gore e le ruri le mo tumelong go sale go nnile le yone tebelopele ya 2016 e ka akanngwa.

Mopalamente o tlhalositse fa ene a goletse mo lwapeng le le neng le le kwa tlase thata ka itsholelo a ba a re ene o sale a berekile kwa dipolasing a sale mmotlana thata mme seo sa mo ruta gore a nne le kutlwelobotlhoko mo bathong ba bangwe.

O bile a kgothatsa maloko a kereke eo gore ba seka ba ipoka gore ba ntshitse bokae go thusa Mme yoo a re seo ke sone se Modimo a sa se batleng a re bogolo ba ka kopa gore Modimo a ba okeletse gore ba tswelele ba thusa ba bangwe.

O solofeditse fa puso e tlaa tswelela e thusa Mme Mhaladi ka motlakase wa marang a letsatsi ga mmogo le go dira ditsela kwa kgaolong eo a tlatsa ka gore bone ga ba batle sepe mo go ene fela ba kopa gore a ba beye pele go Modimo ka dithapelo.

Moruti wa kereke eo, Rev. Mandlankosi Ncube a re fela jaaka lekwalo la ga James 1 temana 27 le bua, go botlhokwa gore motho mongwe le mongwe a nne le fa a bayang tlhogo teng le metsi tota.

A re e re le ntswa ba sa fetsa kago ya kereke ya bone fela ba bone go le botlhokwa go thusa go direla mokaulengwe wa bone boroko gore le ene a tshabele diemo tsa loapi mo teng.

Modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima Rre Reaboka Mbulawa o akgotse ba kereke ya UCCSA thata a re ba tswelele ka tiro e ba e dirang e ntle eo go seka ga felela teng foo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : Maun

Event : Tshimolodiso ya kago ya ntlo

Date : 28 Jun 2016