Bethlehem Faith Mission e ipelela boipuso ka kopelo
28 Jun 2016
E rile ka mafelo a beke kereke ya Bethlehem Faith Mission ya kopanela kwa Mahalapye go ipelela boipuso jwa monongwaga.
Ba ne ba kopantse thuto seka dipuisano le moletlo wa kopelo.
E rile a simolodisa moletlo oo, mokwaledi mogolo wa kereke, Rre Molatedi Semadi a tlhalosa fa Batswana ba na le seabe mo go ipeleleng boipuso jwa monongwaga.
A re go galaletsa Modimo ka kopelo le thapelo go supa se ruri Batswana e leng sone, a tlatsa ka gore bogologolo dikereke di ne di sa letlelelwe go rapela mme ke ka moo ba tshwanetseng go keteka boipuso jwa monongwaga ka se se diragala.
A re go kwadilwe mo Baebeleleng gore dikereke di ka ipela le go opela dipina ka go dirisa gotlhe mo ba nang le gone, ba dirisa diletso ka go farologana go supa fa tota ba leboga Modimo.
Rre Semadi a re Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao ba rorisa Modimo ba mo leboga ka go sena bape ba ba ba tsenang mo dikgolegelong gotwe ba kganelwa go rapela, mme ba tshwanetse go leboga puso ya lefatshe leno go bo e dirile gore se se kgonagale.
Rre Semadi o ne a gatelela gore kereke e tshwanetse go nna sekao mo go ba bangwe go supa fa tota go ne go se motlhofo gore lefatshe la Botswana le nne dingwaga tse di masome a matlhano mme ba tshwanetse go leboga Modimo.
Fa a tlhalosa maikaeleo a thuto seka dipuisano, modulasetilo wa dikhwaere tsa kereke e, Rre Emmanuel Mmusi a re ba tshwara thuto seka dipuisano tse ngwaga le ngwaga.
Rre Mmusi a re e le ba kereke e ba ne ba simolodisa dikhwaere ka ba lemogile fa ba kopana fela ka malatsi a paseka mme ba bona gore ba tswe ka mananeo a ka one ba ka godisang moopelo mo kerekeng ya bone.
O ne a tlhalosa gore gantsi fa ba tshwere dithutothutano tsa ba a aba gape le ba go tshwaretsweng letsatsi le mo go bone, a tlatsa ka gore monongwaga ba aba mo Mahalapye ba abela ba sekole sa banale bogole sa Central Associsation for the Blind and Disabled, melora le tse dingwe tse di tlhapang.
A re e le kereke le bone ba batla go nna le seabe mo mananeong a lefatshe leno le a dirang a tshwana le a go direla bao ba ba sa kgoneng, go ba fa seriti.
A re kereke ya bone gape e ikaelela gore ka tsone dithutopuisano tse tsa ngwaga le ngwaga, ba tlhabolole dikago tsa dikereke tsa bone gongwe le gongwe kwa di teng, gore le tsone di lebege.
Rre Mmusi o ne a tlhalosa gape gore e le kereke ba bone go le botlhokwa gore monongwaga jaaka Batswana ba bangwe le bone ba tsenelele meletlo ya boipuso go supa tota gore le bone ba a ipelela ke ka moo ba beileng setlhogo sa monongwaga.
Letsatsi leo le ne la natifisiwa ka dikhwaere tsa moopelo di akaretsa Inter-Special go tswa kwa Palapye, Baemedi ba Morena go tswa Gaborone, Kagiso go tswa Serowe, Bophelo go tswa Mahalapye, Green Pastures go tswa Mmadinare, Batlang Morena go tswa Thamaga, Maphoi go tswa Letlhakane, Melodious go tswa Letlhakane le tse dingwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : Mahalapye
Event : Moletlo
Date : 28 Jun 2016




