Khansele ya Borwa e tlaa epa mabitla
28 Jun 2016
Banni ba Kanye ba dumalane gore mabitla a a bolokelang morafe a tsewe ke khansele e a tlhokomele ebo e a epe.
Ba dumalane jalo mo phuthegong ya kgotla morago ga gore mothusa modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Alec Seametso, a ba lekodise ka tshwetso ya khansele go laola mabitla a morafe ka Labotlhano.
Mokhanselara Seametso o ba boleletse gore mabitla a magologolo aa kwa Kgwatlheng a tletse jaanong go hudugetswe kwa go a masha.
O boletse fa malatsi ano bagolo ba palelwa ke go epa mabitla a baswi mme ba hira batho ba ba epang, ba a reng ba batla dijo, bojalwa, motsoko le dipalamo, gape go majwe se a reng se ketefalela morafe mme ba tsaya tshwetso ya gore khansele e tseye marapo.
Rre Seametso o boletse fa khansele e tlaa lopa lekgolo la dipula go epa lebitla, mme o ne a kopa maitshwarelo ka go baya ditlhwatlhwa ba ise ba rerise morafe. A re khansele e tlaa dira matlwana a boitiketso e bo e kata mabitla.
O boleletse phuthego fa baswi ba tlaa beiwa ka go tlhatlologana ka dinomore le go leka go somarela lefatshe.
Banni ba amogetse mogopolo ba re o montle thata ba re khansele ga e a bolo go diega go dira jalo.
Ba boletse fa ba tshwenngwa ke mabitla aa fa gare ga motse a Mmalekwa a a fitlhetseng dikgosi tsa bogologolo, balaodi ba maloba ba makgoa le baruti ba bolela fa a sa tlhokomelesege. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Kanye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Jun 2016






