Breaking News

Mochudi o rapelela tsela ya A1

28 Jun 2016

Dikereke kwa Mochudi ga mmogo le komiti ya ipabalelo tseleng di ne di phuthaganetse kwa diponeng tse di laolang pharakano kwa Bokaa ka Sontaga go rapela.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la ipabalelo tseleng, Rre Amos Motshegwe o ne a supa fa dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a batho.

Rre Motshegwe a re fa esale ngwaga ono o simolola go fitlhela kgwedi eno, go setse go tlhokafetse batho ba le 199, a kaya fa tsela ya A1  e le yone e e gapang matshelo a batho thata.

A re se komiti ya ipabalelo tseleng ya kgaolo ya Kgatleng e se dirileng ka go rulaganya letsatsi leo ke selo se se botlhokwa fela thata mme o ne a kopa baeteledipele le baruti go ba rotloetsa dinako tsotlhe.

A re thapelo ke sebetsa se se sa palelweng ke sepe.

Rre Motshegwe o ne a kopa ba ba neng ba  tsile merapelong eo go netefatsa gore ba fetola ka fa ba dirisang dikoloi tsa bone ka teng a tlatsa ka gore le gone go obamela matshwao a tsela go ka thusa go fema dikotsi tsa tsela. 

Fa a tswa la gagwe, mogolwane yo o itebagantseng le tsa pharakano go tswa ko sepodising sa Mochudi, Assistant Superintendent Onthusitse Keitumele o ne a bua a sa kgwe mathe ka dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho mo kgaolong ya Kgatleng.

A re mo ngwageng ono fa esale ngwaga o simolola, go setse go tlhokafetse batho ba le masome a mabedi le borataro a supa fa ba ba boneng dikgobalo tse di masisi le bone dipalo tsa bone di le ko godimo fela thata.

A re ba lemogile gore bontsi jwa dikotsi tseo di ama banana thata a tlhalosa fa dipalo tsa bagolo di le ko tlase a supa fa bone ba amiwa thata ke go thulwa ke dikoloi thata.

Assistant Superintendent Keitumele a re bontsi jwa dikotsi di bakiwa ke nnotagi e e nowang thata mme o ne a kopa baruti le baeteledipele ba ba neng ba le ko merapelong go bua le bana go emisa go nwa bojalwa ba bo ba kgweetsa.

A re bone e le sepodisi ba leka ka go dira dikganedi tsa tsela le go ba otlhaya mme go lebega gore dikotlhao tseo ga di dire sepe mme o ne a kopa baruti go rapela thata a supa fa Modimo e le ene fela a ka kgonang tsotlhe.

Keitumele o tsweletse a re o na le tshepho ya gore fa batho ba ka itiisa mo thapelong o na le tsholofelo ya gore e tlaa re ngwaga ono o fela dikotsi di bo di fokotsegile kana di fedile.

E ne ya re a a fa mafoko a kgothatso, Bishop Johannes Lephogole go tswa ko kerekeng ya Legae le le ntle o ne a bua thata ka bojalwa a re ke jone mmaba mo dikotsing tsotlhe tse di bolayang batho.

Bishop Lephogole o ne a supa fa le Baebele e gatelela kgang ya bojalwa fa bo sa siama a fa sekai sa  ga Noah gore o ne a felela bana ba gagwe ba mmona a sa ikatega ka ntlha ya go itontela bojalwa.

A re dikotsi di tsweletse ka go bolaya batho mme tshaba ya lefatshe leno e iketlile fela a re ke nako ya gore mongwe le mongwe a nne le seabe go netefatsa gore dikotsi di a fela.

Fa a a fa malebo, mokhanselara wa Bokaa, Rre Ellias Nthokgo o ne a tlhalosa fa le bone dikotsi tse di diragalang mo kgaolong segolo thata fa diponeng tse di laolang mosepele tsa Bokaa di ba tshwentse fela thata e le makhanselara.

A re dipone tseo ga di supe dikoloi tse di tsenang mo letlhakoreng mme o ne a kopa ba lephata la ipabalelo tseleng go tsibogela kgang eo a re le yone e na le seabe mo dikotsing.

Le fa go nste jalo, mokhanselara Nthokgo o ne a leboga botlhe ba ba ne ba rulaganya merapelo eo mme o ne a ba rotloetsa go tswelela ba dira jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Mochudi

Event : Thapelo

Date : 28 Jun 2016