Botlhe ba na le boikarabelo jwa go tlhabolola lefatshe
27 Jun 2016
Tona wa Lephata la Tikologo, Diphologolo le Bojanala, Rre Tshekedi Khama o gwetlhile Batswana go nna le seabe mo go tlhabololeng Botswana.
Fa a bua kwa moletlong wa go amogela molelo wa kgolagano kwa Mmashoro le Dimajwe kgwedi ya Seetebosigo e le 22 le ele 23, Rre Khama a re go mo maruding a Batswana go tswelela ba tlhabolola lefatshe la bone gore e re ka ngwaga wa 2066 le bo le tlhabologile go menagane.
A re se se ka diragala fela fa Batswana ba ka bereka ka natla a gatelela gore “pina ya setshaba e tlhalosa sentle ka tiro ya monna le mosadi.”
Rre Khama a re Batswana ba seka ba lebala gore ba tswa kae, a re ka nako ya boipuso Botswana o ne a humanegile go gaisa mafatshe a a le dikologileng.
A re mo nakong eno, Botswana o tlhabologile go gaisa mafatshe mangwe a a neng a le botoka mo go lone pele ga boipuso.
O tlhalositse fa se se dirilwe ke gore lefatshe leno le ne la tlhokomela kgotsa la dirisa madi ka kelotlhoko le go sireletsa ditsatlholego jaaka ditswammung le diphologolo.
“Ke nako ya rona go lebelela ko re tswang teng,le gore re ya kae,” a bua jalo.
Rre Khama a re le ka nako ya fa itsholelo ya mafatshe e wela tlase ga go na Motswana ope yo o kileng a tlhokafala ka ntata ya tlala.
Kgosi Opelo Disang wa Mmashoro o ne a gwetlha morafe go rapelela molelo wa kgolagano gore e re dingwaga tse di masome a matlhano tse di tlaa tlang Batswana ba bo ba ntse ba tshwaragane.
Kgosi Kebadiretse Kebonamang wa Dimajwe o tlhalodsitse fa molelo wa kgolagano e le lantlha o ralala motse wa gagwe oo thomilweng ka 1986.
O tlhalositse fa go nna Motswana e le tshegofatso ka Botswana e le lefatshe la kagiso le thokgamo.
Ka jalo a re Batswana ba tshwanetse go leboga dikgosi tse di ba kopetseng boipuso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Mmashoro
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 27 Jun 2016






