Breaking News

Kgosi Vavani o a kgalema

27 Jun 2016

Kgosi Mbuso Vavani wa Maitengwe a re go ngomola pelo gore e re batho ba sena go abelwa dimpho, ba bo ba di rekisa kana go di ananya ka bojalwa.

O buile jalo kwa moletlong wa go abela ba-na-le- bogole dimpho ke ba lephata la banana, metshameko le ngwao kwa Maitengwe Seetebosigo a le 24.

A re fa batho ba aba dimpho jaana, ba abo ba leka go thusa batho go ba ntsha mo seemong se ba leng mo go sone gore le bone ba tshwane le batho ba bangwe.

Kgosi Vavani a re mokgwa wa go amoga ba ba abetsweng dimpho go di itirisetsa ka ditsela tse di farologaneng go diga maikutlo a ba ba abang, a kopa batho go nna ba bega ope yo o nnang le mokgwa wa go nna jalo kwa baeteledingpele ba motse gore mokgwa oo o fedisiwe ka ponyo ya leitlho.

O ile a leboga badiri ba lephata leo la banana, metshameko le ngwao go bo ba bone go tshwanela go abela banalebogole.

A re dimpho tsa bone, di tlaa dira pharologanyo mo matshelong a bone, ba tlaa lemoga fa setshaba se kgathala ka matshelo a bone.

O ne a galaletsa dimpho tseo, a re ba tswelele fela jalo ba thusa setshaba a bo a gatelela ka gore tlhabologo ya lefatshe ke fa go gatang badirelapuso teng.

Modiri mo lephateng la banana, metshameko le ngwao kwa motlobong wa dibuka wa Maitengwe, Mme Nomsa Masimo a re o ne a gwetlhiwa ke go bona monalebogole mongwe mo motseng a tsamaya ka thata a sena kolotsana, ka jalo a senka ba ba ka mo tswang thuso gore a kgone go thusa motho wa go nna jalo.

Mme Masimo o boletse fa a ne a kopa thuso kwa go ba mokgatlho wa Rotary go tswa kwa Gaborone, ba ba neng ba mo thusa ka dikolotsana tse tharo tse ba neng ba di abela bangwe ba ba banalebogole ba le bararo.

O tsweletse a tlhalosa fa ba ile ba lemoga fa go sa lekana, ka jalo ba kopa thuso ya dikobo ka ba ne ba lebile fa serame sa monongwaga se le botlhoko thata mme ba Rotary ba ba abela dikobo di le lesome le borobabongwe, fa ba Women Institution go tswa kwa Francistown ba ne ba ba abela dikobo tse di masome mabedi le botlhano. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Maitengwe

Event : Moletlo

Date : 27 Jun 2016