Breaking News

Tema ya ESP e a bonala

27 Jun 2016

Tona wa Botsogo, Mme Dorcas Makgato, a re lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le setse le ntshitse tema e e bonalang.

Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami bosheng, Mme Makgato o boletse fa lenaneo la ESP le ne la simolodisiwa semmuso mo kgaolong ya gagwe ya Sefhare/Ramokgonami mme le setse le aname le lafatshe leno.

Ka jalo a re banni ba tshwanetse ba lebogele gore lenaneo le, le simolodisitswe semmuso  mo kgaolong ya bone ebile gape ba kgonne go anywa sengwe ka go na le ditlhabololo tse di tlaa dirwang di le mokawana.

O boletse fa banni ba tshwanetse go amogela ditlhabololo tse di tlaa dirwang mo kgaolong ya bone mme ba seka ba leba gore metse ya bone ka bongwe e tlaa direlwa eng mo ESP ntswa kgaolo ya bone e na le ditlhabololo di le mokawana tse di mo ESP.

O tlhaloseditse banni fa lenaneo la ESP le kgaogantswe gararo mme ba ba sa bonang ditlhabololo mo metseng ya bone go na le kgonagalo ya gore ba ka di bona mo legatong la bobedi kana la boraro.    

Mme Makgato yo e bileng gape e le mopalamente wa Sefhare/ Ramokgonami  o ne a tlhalosetsa banni fa mo kgaolong ya gagwe go tlaa nna le ditlhabololo di le mokawana tse di tla a dirwang.

O boletse fa lenaneo la ESP le sa akaretse maphata otlhe mme le akaretsa lephata la thuto, lephata la ditsha le matlo, lephata la botsogo, la dipalamo le ditlhaeletsanyo le la temo-thuo. 

A re mo lephateng la thuto go ne ga lebiwa dikgwetlho di tshwana le mosuke o montsi o o neng o le mo matlong a borutelo mme puso ya bona go tshwanela go atolosa matlo a borutelo, go aga matlo a tsa maranyane mo dikoleng le go aga matlo a barutabana.  

A re mo lephateng la botsogo go tlaa lebiwa kgang e e neng e saletse kwa morago ya go aba ditsha, go isa ditlamelo kwa ditsheng le gone go aga matlo a badirelapuso fa mo lephateng la botsogo go tlaa atolosiwa dikokelwana mme lephata la ditsela le tlaa itebaganya le paakanyo ya ditsela tse di senyegileng le go thusa go fokotsa mosuke wa tsela ya A1.

Mme Makgato a re lephata la temo-thuo lone le tlaa itebaganya le go kgobokanya ditlamelo tsa temo-thuo golo go le gongwe le gone go tlhabolola tsa temo-thuo.  

A re mo kgaolong ya gagwe go tlaa agiwa matlo a badirelapuso a le 25 go bo go agiwa a SHHA a le 35 a lenaneo la turnkey. O tsweletse a re go tlaa nna le go atametsa ditlamelo di tshwana le tsa metsi le ditsela mo legatong la ntlha la ESP.

Mme Makgato a re mo go tse dingwe, sepatela sa Sefhare se segologolo se tlaa baakanngwa go fokotsa mosuke o o kwa sepateleng se setona ka se dirisiwa gape ke metse e e mabapi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Jun 2016