Kgathi o akgola badirela puso
27 Jun 2016
Badirelapuso ba akgoletswe seabe sa bone mo go tlhabololeng Botswana.
Ba akgotswe ke mopalamente wa kgaolo ya Bobonong, Rre Shaw Kgathi, fa a ne a buisa badirelapuso kwa bokopanong jo bo neng bo tshwaretswe kwa Bobonong Seetebosigo a le masome a mabedi le bobedi.
Rre Kgathi, yo gape e leng Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, o ba akgoletse go bo ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho go tlhabolola kgaolo e ba direlang mo go yone.
E ne e rile go le pele a etela sepatela se segolwane sa Bobonong go se abela dikobo di le masome a matlhano.
Fa a ema badiri ba sepatela seo ka lefoko, Rre Kgathi o ne a re ba tshwanetse ba thusa setshaba ka fa go tshwanetseng.
O ne a ba gakolola go nna ba itsise batho ba ba emetseng thuso gore tiego e ka tswa e dirwa ke eng, go na le go ba tlogela fela ba ntse foo ka lebaka le le leele ba sa itse gore seemo ke eng.
O boletse gore fa e sale molelwane wa Mabolwe o bulwa, go setse go tlodile batho ba le sekete le lekgolo le lesome bobedi.
A re o utlwisiwa botlhoko ke go ima ga basetsanyana, ka go supagetse go tswa ka Hirikgong go tsena Seetebosigo go setse go dule bana ba le lesome le boferabobedi mo sekoleng mono ngwaga.
Tona Kgathi o ne a patilwe ke mothusa mookamela lephata le le hirang (DPSM) Mme Maipelo Ragalase, yo o boletseng fa ba le mo lenaneong la go sekaseka go duela madi a go dira morago ga nako ya tiro ya sennela ruri,le gore ba ba tshwereng maemo a D4 go ya kwa tlase ba akanyediwe go bona dithuso tsa SHHA.
Badirelapuso le bone ba ne ba nna le sebaka sa go lekodisa Rre Kgathi ka matshwenyego a bone a a akaretsang ditiro di le dintsi mo mothong a le mongwe,tlhaelo ya dikoloi, boroko, le gore ba ba utswang ka dikgoka ba seka ba letela tsheko kwa ntle le ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba babotlana ba tseelwe dikgato tse di gagametseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : Bobonong
Event : Bokopano
Date : 27 Jun 2016






