Breaking News

Ba kopiwa go tsamaya ka lobelo lo lo kwa tlase

26 Jun 2016

Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Superintendent Michael Maphephu a re o kopa bakgweetsi kwa kgaolong ya gagwe go tsamaya ka lebelo  le le kwa tlase le go obamela matshwao a tsela.

Superintendent Maphephu o buile se a supa fa ba tshwentswe ke dikotsi tse di ileng magoletsa bosheng mo  Letlhakane le mo kgaolong ya gagwe ya sepodisi ka kakaretso.

Rre Maphephu a re bosheng  ba gatisitse dikotsi tsa tsela  di le nne  tse di gapileng matshelo a le marataro.

Superintendent Maphephu a re o gakolola bakgweetsi bogolo jang ba ba dirisang tsela ya Orapa/Francistown go tsamaya ka lebelo le le kwa tlase ka jaana tsela eo e na le leruo le lentsi le le gobeyang mo tseleng.

A re dikgoro tse di tsenang mo merakeng  le masimo ba leka go di tswala mathata ke gore badirisi ba tsone bone ba di tlogela di sa tswalwa mme ka jalo leruo le tsene mo tseleng. 

Rre Maphephu o ne gape a re o  gakolola batsamaya ka dinao go ikela tlhoko mo dikoloing fa ba tsamaya fa thoko ga tsela le fa ba e kgabaganya. 

Superintendent Maphephu o ne gape a re o kopa bakgweetsi gore fa ba fitlhela kotsi mme ba thusa, ba tswe gotlhelele mo tseleng, a bua jalo morago ga gore dikoloi  tse tharo di thulane fa godimo ga e e neng e thudile kgomo.

Superintendent Maphephu  a re ba gatisitse kotsi e mo go yone koloi e thudileng  ya ba ya bolaa mosadi yo o dingwaga tse di masome a supa le borataro.

Mo kotsing e nngwe,koloi  ya modiro wa BMW e thulane le e nngwe  ya gapa matshelo a le mararo fa ba bangwe ba le bararo ba robaditswe kwa sepateleng  go alafelwa dikgobalo. 

 Mo go e nngwe a re monna wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro  wa kgotla ya Letsibogo mo Letlhakane o ne a thula setlhare ka koloi ya modiro wa Land cruiser ka nako ya lesome le bongwe bosigo mme a tlhokafalela gone foo.

Mo kgannyeng e nngwe Superintendent Maphephu a re ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabobedi yo o dirang e le mokgweetsi kwa sekoleng se segolwane sa Motsumi, ka molato wa go tshosetsa go bolaya mosadi wa dingwaga tse di masome a mane le boferabongwe  yo le ene a direlang kwa sekoleng seo mo go tsa madi. 

Superintendent Maphephu  a re  bobedi joo bo ne ja tlhoka kutlwisisano ka dituelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Potsolotso

Date : 26 Jun 2016