Breaking News

Maele o lekodisa banni ka melao e e tlang

26 Jun 2016

Mopalamente wa Lerala/Maunatlala Rre Prince Maele a re palamente e e tlang e ya go bewa pele ditshutiso ka kakanyetso melao di le pedi, tsa go akaretsa bodiredi bongwe mo go ba ditirelo tse di faphegileng le go okediwa ga ditsha tsa bonno go tswa mo bongwe goya kwa go bobedi.

Rre Maele o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Malaka, Lecheng, Mokungwane, Moremi, Lesenepole le Maunatlala. O ne gape a tlhalosa ka lenaneo la botsogo la go fa kalafi botlhe bao ba ba fitlhelwang ka mogare morago ga tlhatlhobo gore ga ba na go letlela masole go wela tlase jaaka go ne go dirwa pele.

E rile a ala kgang ya gagwe mopalamente Maele a re puso e ya go sekaseka molawana wa tsa phiro wa kgaolwana ya bo 46, o o buwang ka badirelapuso ba ditirelo tse di faphegileng, gore o akaretse barutabana, ba tsa mesepele le ba kgaso go nna bodiredi jo bo faphegileng (essential service staff).

O ne a re o kopa therisano le banni ba kgaolo ya gagwe gore bone kgang eo ba bona e ka nna mo tshiamelong kana jang. O ne gape a ba lekodisa ka kgaogano madi a setshaba a supa fa monongwaga a sa lekana seo se raya gore ditiro dingwe ga di ye go kgonwa jaaka go ne go akantswe.

Rre Maele o ne gape a tlhalosa fa pego ka leuba la monongwaga e ise e ntshiwe, le go tseelwa tshwetso. O ne gape a buwa ka boipuso jwa monongwaga a re ke boipuso jo bo faphegileng  mme a kopa banni ba kgaolo ya gagwe go bo emela ka dinao le go bo ipaakanyetsa ka maatlametlo gore ba tle ba bo akole.

Rre Maele o ne gape a tlhalosa ka tshwetso e e tserweng ke puso ya gore tsamaiso ya ba ipelegeng e tshwane fela lefatshe leno lotlhe, segolo jang mo go bao ba ba ikopelang go apeela badiri ba lenaneo leo a re ba ya go fiwa sebaka sa dikgwedi tse tharo fela le gone gore jaanong ba ya go ikopela tiro eo.

O ile a re ditsamaiso tsa ikopelo tiro eo ke gore fa yo o ikopelang a tsalana le mohiri  ebong VDC leloko la VDC le tshwanelwa ke go ikgogela ntle kana e le lone leloko le supang kgatlhego foo go tlaa tsaya komiti ya nakwanwa e e tlhomilweng ke mothusa molaodi wa kgaolwana potlana e e thapang.

O ne a ba itsise fa ene le ba lelwapa la gagwe ba abetse kgaolo ya gagwe P30 000, go mo dirisa mo dijong tsa boipuso, a re seo se ya go ba tiisa mooko go kgobokanya tsotlhe tse ba ka di kgonang nako e sale teng.

Rre Maele o ne a supa fa a tshwenngwa ke go sa direng sentle ga bana ba dikole tsa kgaolo ya gagwe, a re maduo a wetse tlase ka tsela e e tsitsibanyang mmele. O ne a kopa batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana go tokafatsa maduo.

O ne gape a buwa ka thulaganyo ya Re-a-nyalana a re e botlhokwa thata segolo jang mo bathong ba ba sa bolong go nna mmogo ba palelwa ke go nyalana ka mabaka a go tlhoka ditsompelo, a re jaanong ba latelwa kwa metseng ya bone go nyadisediwa kwa dikgotleng.

Mme Anna Morwaagole yo e leng mogokaganyanyi wa lekgotla la Re-a-nyalana mono Botswana o ne a supa fa puso e ne ya tsaya kgato go fokotsa dikgang tse di nnang teng morago ga gore mongwe wa botsadi jo bo nnang mmogo le bana ba bone ba amogwe dithoto ke masika morago ga go tlhokafala.

Mme Morwaagole o ne a re lelwapa ke motse o o fang motho seriti sa go itemoga le go itlhaloganya sentle. O ile a supa fa morero wa tseo o tshwanelwa ke go nna teng fa gare ga botsadi ja banyalani fela jaaka e le tsamaiso, a re bone ba thusa fela gore lenyalo le felele ka go ba neela meritshana ka P200,le setlankana ka P40 fela le gone go tsisa tsiboso ka morero le tsamaiso ya lenyalo.

Baduladitilo tsa metse eo ba ne ba supa fa molelo wa kgolagano o tsamaile sentle thata mo kgaolong ya bone, mme ba lela thata ka ba lephata la banana ba re ga le a ba direla ka botswa pelo go thusa banana ba dikgaolo tsa bone. Ba ne gape ba lebogela lenaneo la nyeletso lehuma ba re jaanong le tswa tema.

Fa a tswa la gagwe mothusa molaodi wa kgaolwana ya Palapye, Mme Segametsi Koontse o ne a supa fa ditiro tsa lenaneo la nyeletso lehuma di abetswe P2 million go dirisiwa mo metseng ya kgaolo ya gagwe e le 27, fa mo nakong eno ba setse ba kwadisitse banalebogole ba le 243.

Mo leetong leo la ga mopalamente, ba botsogo go tswa kwa District Health Team ba ne ba tlhalosa ka kentelo bolwetse ja mmokwana le ja go hupela mo baneng ba ba dikgwedi tse di ferang bongwe  go ya kwa go ba ba dingwaga tse di lesome le bone  go simologa kgwedi e e tlang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Jun 2016