Kgathi o lekola badirela puso kwa Matshekge
26 Jun 2016
Badirela puso ba akgoletswe seabe sa bone mo go tlhabololeng lefatshe leno.
Ba akgotswe jalo ke mopalamente wa kgaolo ya Bobonong,Rre Shaw Kgathi fa ane a buisa badirela puso kwa bokopanong jo boneng botshwaretswe kwa sekolong sa Matshekge bosheng.
Rre Kgathi yo gape eleng tona wa itshireletso, molao le tlhokgamo,o ba akgoletse go bo badira tiro ya bone ka manontlhotlho le botswapelo,mo go lekeng go thabolola kgaolo e ba direlang mogo yone.
E ne e rile gole pele a etela sepatela se segolwane sa Bobonong go se abela dikobo dile masome a matlhano.
Fa a ema badiri ba sepatela seo ka lefoko a re ba tshwanetse ba thusa setshaba ka fa go tshwanetseng,a ba gakolola gonna baitsise batho ba ba emetseng thuso,go ba itsise ka se se ka tswang se batshwere,gona le go batlogela fela bantse fo o ka le baka lololeele,basa itsi gore seemo keeng.
O boletse fa e sale go go bulwa ga molelwane wa Mabolwe go setse go tlodile batho ba le sekete le lekgolo le lesome bobedi(1112).
A re selelo le khuranyo ya meno ke goima ga bana,fa go supagetse go tswa ka Herekgong go tsena Seetebosigo go setse go dule bana bale lesome le boherabobedi mono ngwaga.
Mothusa mookamela lephata la khiro ya badirelapuso (DPSM) Mme Maipelo Ragalase a re ba mo lenaneong la go sekaseka go duela Overtime ya sennela ruri,le gore ba ba tshwereng maemo a D4 go ya kwatlase ba bakanyediwe go bona dithuso tsa SHHAA .
Badirela puso le bone bane ba nna le sebaka sa go lekodisa Rre Kgathi ka matshwenyego a bone,a a akaretsang ditiro dile dintsi mo mothong a le mongwe,thaelo ya dikoloi,boroko, le gore ba ba utswang ka dikgoka ba seka ba letela tsheko kwa ntle le le ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba babotlana ba tseelwe dikgato tse di gametseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : Bobonong
Event : Bokopano
Date : 26 Jun 2016






