Breaking News

Ba Ntlhantlhe le Lekgoloboto ba gakololwa go ipaakanyetsa letsema

26 Jun 2016

Tona ya temo-thuo Rre Patrick Ralotsia o gakolotse balemi-barui ba metse ya Ntlhantlhe le Lekgolobotlo mo kgaolong ya Borwa go nna malala a laotswe go ipaakanyetsa nako ya letsema e e setseng e le gaufi.

Ralotsia o gakolotse jalo mo diphuthegong tsa kgotla beke eno. O boletse fa balemi bangwe ba itshela moriti o tsididi fela  nako e bo e feta. 

O boleletse balemi go berekela mo nakong gore ba dire ka bonako gore letsema le seka la ba sia.

O boletse fa monongwaga bangwe ba balemi ba ne ba bona tbobo e e botoka morago ga dipula tse di tsileng morago. Balemi ba gakolotswe go tlhokomela dipeo le didirisiwa tse ba di fiwang ke puso mahala go di tlhokomela ka di turetse puso thata.

A re go ngomola pelo gore balemi bangwe ba bo ba sa tlhokomele temo ya bone morago ga go lema le gore barui bangwe ba tlogela leruo la bone le senya mo masimo.  

O Lebogetse balemi ba ba kgonneng go abela ba bangwe magapu le dinawa tse ba di robilelng mo masimo.

Tona o ngongoregile ka magodu a a utswang leruo la ba bangwe. O akgoletse puso go thusa barui ka leruo mahala le mororo magodu ba di iphile.

Mo go tse dingwe, o akgotse balemi-barui ba kgaolo ya Borwa go bo ba ne ba sala tsamaiso morago ka nako ya fa nare e bonwe mo kgaolong ya bone.

O buile ka go ipaakanyetsa moletlo wa boipuso jwa masome a matlhano. 

A re mongwe le mongwe o tshwanetse go ikitaya ka thupana go ipaakanya.

O boletse fa boipuso ja gompieno e le jo bo faphegileng thata. 

O boletse fa Botswana a tsere boipuso mo legoeleleng go sena ditlhabololo dipe mme gompieno lefatshe le a tsabakela ka ditlhabololo le fa go sa lekana.

Le fa go ntse jalo banni ba Ntlhatlhe ba kopile gore komiti ya ditlhabololo tsa motse e okeletswe madi a ba atswiwang ka one. 

Ba kopile ntlo lehalahala,metlobo ya dibuka ko dikoleng, le gore matlwana a bana a boitiketso a shafadiwe,  dipalo tsa babereki ba ipelegeng di oketswe, kokelwana e atolosiwe le metshelakgabo mo melatswaneg e dirwe.

Ko Lekgolobotlo ba akgotse badirelapuso, ba kopile koloi ya kgotla, ba kopile koketso ya mapodisi, go epelwa letamo, ba batla gape gore lenaneo la ALDEP le buselediwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Lekgoloboto

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Jun 2016